Kereke ya Sabata e abela sekolo sa Tapologo dikhomputara
14 Feb 2019
Kereke ya Seven Day Adventist (SDA) e abetse sekole se segolwane sa Tapologo kwa Werda kwa kgaolong ya Kgalagadi dikhomputara.
Moeteledipele wa kereke e kwa Kgalagadi Borwa, Dr Boitirelo Kabo, a re maikaelelo a bone ga se go rera lefoko la modimo fela, mme ke go aga setshaba .
O boletse fa e se la ntlha ba aba kwa Werda ka ba kile ba abela banni diromamowa e le tsela nngwe ya go supa lerato le kutlwelobotlhoko mo setshabeng se ba dirang mo go sone ka ebile ba na le phuthego kekeke kwa Werda.
A re morago ga go amogela kopo go tswa kwa sekoleng ba ne ba tsenya ditlhogo, mme ba dumalana go aba dikhomputara di le tlhano tse di lopileng P21 000 go tswa mo diphuthegong tse di farologanyeng go supa lerato le go kgathala ka thuto.
O kaile fa dikhomputara di tlaa thusa baithuti mo go tsa maranyane le go nna le kitso ee tseneletseng ka se se diragalang mo lefatsheng a kaya fa di tlaa ba fa gape lesedi ka tsotlhe tse ba di tlhokang mabapi le dithuto tsa bone ka ebile di tla a bo dirisiwa kwa motlobong wa dibuka.
A re kitso ya go bala le go kwala e a tlhokafala mo nakong tsa gompieno go botlhokwa gore ba tlhwaafalele go ithuta maranyane ka dibalamakgolo ka e le yone konokono mo go batlisiseng kitso ee tseneletseng ka go ka thusa thata mo go tlhabololeng dithuto tsa bone.
Dr Kabo o ne a gakolola baithuti go dirisa dibalamakgolo ka fa go tshwanetseng ka seo se ka ba solegela molemo mo go tokofatseng maduo a dithuto.
Fa a amogela baeng, mogokgo wa sekole seo Mme Pinkie Kabelo o ne a tlhalosa fa sekolo se na le baithuti ba le makgolo a supa le bobedi, palo e a supileng fa e le kwa godimo ka go na le tlhaelo ya matlo a borutelo.
Mogokgo o ne a itumelela dimpho tseo a bolela fa maduo a sekole a ntse a sa ba jese diwelang, a kaya fa mo maduong a ditlhatlhobo tsa mophato wa boraro se dirile botoka thata ngogola ka 19.7 per cent ka matshwao a ABC fa go tshwatshwanngwa le 9.2 per cent ka ngwaga wa 2017.
Mme Kabelo a re sekole se labanwe ke dikgwetlho di tshwana le tlhaelo ya matlo a borutelo, barutabana, dibuka le tse dingwe mme le fa go ntse jalo ba ikaelela go tokofatsa maduo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : Werda
Event : Kabo Dimpho
Date : 14 Feb 2019




