Breaking News

Komiti e isa ditlamelo tsa botsogo kwa Sherwood

14 Feb 2019

Kgosi Ookeditse Shaw wa Lerala o akgoletse komiti ya Lerala Village Multi Sectoral Committee go isa ditlamelo tsa botsogo kwa di polaseng tsa Sherwood. 

O akgotse komiti eo morago ga gore e tshegetse dikgaisanyo tsa kgwele ya dinao tse maikaelelo a tsone e neng e le go rotloetsa banni ba dipolase go akola ditlamelo tsa botsogo. 

Kgosi Shaw a re komiti ya bone e ne ya lemoga gore go na le tlhaelo ya ditlamelo tsa botsogo kwa dipolaseng tsa Sherwood mme ya tswa ka leano la go isa ditlamelo kwa dipolaseng. 

 “Ga re ntse re dira maano a rona re ne ra bona gore go tshegetsa metshameko ya kgwele ya dinao mo Sherwood go ka re thusa go ngoka banni ba dipolase tseo ka bontsi,” a tlhalosa jalo. 

A re ke ngwaga wa botlhano ba ntse ba tshegetsa dikgaisanyo tseo ba tshwaragane le maphata a puso ka go farologana mme maikaelelo a mangwe e le go rotloetsa banni go itlhatlhobela malwetse ka go farologana. 

A re ba tshwaragane le ba ba okametseng tsa botsogo kwa Lerala le Palapye ba District Health Management Team (DHMT), Tebelopele, ofisi ya ga molaodi le lekgotla la Men Sector.

Kgosi Shaw a re o itumelela go bo banni ba dipolase tsa Sherwood ba tshologela dikgaisanyo tseo ka dipalo tse di kwa godimo ngwaga le ngwaga le go itlhatlhobela malwetse ka dipalo tse di nametsang. 

Modulasetilo wa komiti ya Lerala Village Multi Sectoral Committee, Rre Thatayaone Wabo, a re dikgaisanyo tse ba di tshegetsang ngwaga le ngwaga ka kgwedi ya Tlhakole di ba thusitse go isa ditlamelo tsa botsogo kwa dipolaseng tsa Sherwood. 

 A re dikgaisanyo tseo di tsenwa ke ditlhopha tsa dipolase tsa Sherwood mme a supa fa ngwaga le ngwaga setlhopha sengwe le sengwe se na le tatedi e e kwa godimo selo se a kaileng fa se dira gore banni ba dipolase ba akole ditlamelo. 

A re mo dikgaisanyong tsa monongwaga, ba Tebelopele ba tlhatlhobile banni ba le masome a ferabongwe le motso, mme ga tlhatlhobelwa batho ba le masome a ferabobedi le bongwe bolwetse jwa sukiri. 

Rre Wabo a re bomme ba le masome a mabedi le borataro ba ne ba tlhatlhobelwa kankere ya popelo. 

A re le ntswa maikaelelo e le go isa ditlamelo tsa botsogo kwa dipolaseng, ba lemogile gore pereko ya kwa dipolaseng e bokete mme ebile gape e ka ama tlhaloganyo ya motho, ka jalo go le botlhokwa gore ba itshidile maikutlo le go lapolosa ditlhaloganyo ka motshameko wa kgwele ya dinao. 

Fa a tswa la gagwe, mothusa modulasetilo wa khansele potlana ya Palapye, Rre Gabagopole Sebele, a re go botlhokwa gore mongwe le mongwe a itse seemo sa botsogo jwa gagwe gore a kgone go thusiwa ka ditlamelo tse di maleba.

O ne a rotloetsa banni ba dipolase tsa Sherwood go tswelela ka go itlhatlhobela malwetse ka go farologana. 

Re Sebele o ne a akgola komiti ya Lerala Village Multi Sectoral Committee go tshegetsa dikgaisanyo tseo ngwaga le ngwaga a re se, se supa fa ba kgathala ka botsogo jwa ba ba nnang kgakala le ditlamelo.   

Dikgaisanyo tseo di ne di tsenwe ke ditlhopha tsa AR5, Limpopo Farms, Seleka Farms le J.P Roos Farm. 

Setlhopha sa AR5 se ne sa gapa maemo a ntlha fa sa Seleka Farms se ne sa tswa ka a bobedi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lebalang Ditlhobolo

Location : Sherwood

Event : Potsolotso

Date : 14 Feb 2019