Breaking News

Friday o itshetsa ka dinkgo

14 Feb 2019

Mme Khabenyana Friday (66), yo o tlholegang kwa Artesia kwa kgaolong ya Kgatleng, ke mongwe wa Batswana ba ba emeng ka dinao go itshetsa ka talente ya bone. 

Mo potsolotsong bosheng, Mme Friday o tlhalositse fa a sa le a simolotse go dira dinkgo ka mmopa go tswa bonnyeng jwa gagwe. 

A re o ne a ya go ithutela go dira dinkgo le tse di tsenyang dithunya le makgabisa ka letsopa a thusiwa ke a lephata la Tlhabololo Banana, Metshameko le Ngwao ka ngwaga wa 2012. 

A re fa e sa le a tswa go ithutela go dira ka letsopa o ntse a fenya mo dikgaisanong tsa ngwao tsa go dira ka mmu tsa khansele ya Kgatleng, letsa ba lephata la ngwao go simolola ka ngwaga wa 2012 go fitlhelela ngwaga o o fetileng. 

Mme Friday, yo o setseng a na le lebaka la ngwaga di supa a le mo kgwebong e, a re fa a simolola, go ne go se motlhofo ka jaana o ne a sena madi, mme fela a ititaya sehuba gore sepe se seka sa mo kgopa. 

Le ntswa a simolotse kgwebo ka ditshenyegelo tsa gagwe, Mme Friday a re o ne a bona go sa tsamaye sentle ka a ne a tlhaela didirisiwa dingwe, ka jalo a ikopanya le ofisi ya boipelego go kopa dithuso, kwa areng kopo ya gagwe e santse e sekasekwa. 

Mme Friday a re le fa theko e le kwa tlase, bogolo thata fa kgwedi e le fa gare, ga a nna fela ka boitlhobogo ka jaana o tsweletse ka go ipapatsa mo mafelong a akaretsang Gaborone, Mochudi, Artesia le a mangwe. 

A re ka dipoelo tse a di bonang, o kgona go oba letsogo le gone go tlhokomela lelwapa la gagwe, 

Mme Friday o supile matshwenyego a gagwe tebang le batho ba ba ratang go ipeela ditlhwatlhwa tse di kwa tlase, ba ba kolotang ba sa duele le ba ba ba duelang morago ga lebaka le le leele. 

O ne a gwetlha bomme go itsosa ka botshelo bo le motlhofo fa motho a ikemetse ka dinao, a supa fa bopelotelele e le mangmang gore motho a atlege mo tirong ya gago. 

A re dilo tse dingwe o kgona go di ithuta mo bathong ba bangwe. 

Mme Friday o ne a tlhalosa fa tiro ya diatla fela jaaka tiro nngwe le nngwe, e tshwanelwa ke go tsewa tsia ka e imolola puso morwalo wa letlhoko la ditiro le go tlhokomela batho. 

O ne a kopa puso go otlolola letsogo mo go rotloetseng ditiro tsa diatla jaaka go dira dinkgo ka mmu le letsopa, le tse dingwe le go ruta banana go dira ka mmu gore le bone batle ba rute ba ba tswang kwa tlase. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Phenyo Letshwiti

Location : Mochudi

Event : Potsolotso

Date : 14 Feb 2019