Kwelagobe o rotloetsa tiriso ya mananeo ka botlalo
14 Feb 2019
Mogokaganyi wa lenaneo la nyeletso lehuma kwa kgaolong ya Kweneng o rotloeditse botlhe ba ba tsereng mananeo go a dirisa go fetola matshelo a bone.
Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Rre Gaotlhobogwe Kwelagobe, o boletse fa go tshwenya gore bangwe ba fiwe mananeo mme ba seke ba a dirise.
A re seo ke poelo morago ka puso e dirisa madi a mantsi go reka ditsompelo tsa mananeo ao, a tlhalosa fa bangwe ba tsaa mananeo ba sena kgatlhego le kgwebo.
O tlhalositse gore mo letsholong la go lekola dikgwebo tsa mananeo a nyeletso lehuma, go supa fa bangwe ba tsaa maneneo mme morago ba senke ditiro, ka jalo ba phuaganye se ba se filweng.
Rre Kwelagobe a re bangwe ba setse ba dira dipoelo, mme sebe sa phiri ke gore ba ba jela mo ganong.
Se, se dira gore dikgwebo tsa bone di seka tsa nna le boleng mo go fetoleng matshelo a bone, a tlhalosa fa kgwebo e tlhoka polokelo gore mong a kgone go itse seelo sa madi a a kgoneng go a dira le go e godisa.
Rre Kwelagobe a re ntlha e nngwe ke gore batho ga ba tsee matsapa a gotataisa kgwebo.
Le fa gontse jalo, o akgotse botlhe ba ba dirang sentle mo dikgwebong tsa bone.
A re bangwe ba tsweletse ka go dira dipoelo tse ba itshetsang ka tsone le ba malwapa a bone.
A re bangwe ba setse ba kgonne go ikagela matlo a bonno ka dipoelo, mme a re seo ke katlego e kgolo ya go tokafatsa botshelo jwa motho ka boroko e le konokono e bile bo fa motho seriti.
O tlhalositse gore go supa fa bomme ba ba eteletseng malwapa pele ele bone ba tsereng mananeo ka bontsi, ebile bontsi jwa bone bo tsweletse sentle.
A re seo ke sesupo sa gore mananeo a nyeletso lehuma a sologela Batswana mosola.
E rile a fa tekodiso ka tsa theko ya di dirisiwa tsa mananeo, a tlhalosa gore kgaolo ya gagwe e santse e saletse kwa morago mo go rekeng didirisiwa tsa mananeo ka kwa ba rekang teng go santse gona le tlhaelo ya tse di dirisiwang.
A re mo ngwageng wa madi wa 2018/19, kgaolo ya gagwe e ne e filwe P13 million mme mo nakong ya gompieno e setse e dirisitse sephatlo sa madi ao, fa sephatlo se sengwe se santse se ise se dirisiwe.
O tlhalositse gore mo mading a dirisitsweng kgaolo potlana ya Mogoditshane-Lentsweletau e dirisitse 60 per cent, fa ya Molepolole e dirisitse 25 per cent mme ya Letlhakeng yone e diritse 15 per cent mo nakong ya gompieno.
Rre Kwelagobe a re maikaelelo a ofisi ya gagwe ke go dirisa madi a setseng go rekela baikopedi ditsompelo gore madi a teng a seka boa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Nthabiseng Modise
Location : Molepolole
Event : Potsolotso
Date : 14 Feb 2019




