Barui ba atla Kgomokhumo
14 Feb 2019
Barui bangwe ba re ba itumelela lenaneo la sepodisi sa Botswana la go lwantsha bogodu jwa leruo le le itsegeng ka Kgomokhumo.
Lenaneo le, le simolodisitswe kwa kgaolong ya Borwa, la ya Kweneng mme la atolosediwa kwa kgaolong ya Legare.
BOPA e ne ya ikopanya le barui bangwe go utlwa maikutlo a bone ka lenaneo le.
Mongwe wa bone, Rre Kenneth Moloi, a re le ntswa tsheko ya gagwe e ise e wele, o lebogela go bo a kgonne go bona kgomo ya gagwe, e e saleng e timela ka 2016.
A re e rile ka Ngwanatsele ngogola, mapodisi a Sojwe kwa Kweneng ba mo itsise fa ba tshwere kgomo e e tshubilweng ka tshipi ya gagwe, mme namane yone e tshubilwe ka e sele.
“Ke lesego thata ka jaana namane e ne e setse e kgaogantswe le mmaayone, mme mapodisi a kgona go e kopanya nayo,” a tlhalosa jalo.
Rre Moloi o boletse fa a ruetse kwa Sobela, fa gare ga Khudumelapye le Sorilatholo.
O boletse fa a leboga lenaneo la Kgomokhumo thata, e bile a eletsa gore le ka tswelelela ka jaana go lemotshega fa ba ntse ba ruetse bagwebi ba nama.
Morui yo mongwe, Rre Keamogetse Nkane, ene a re lenaneo le mo thusitse go bona dipodi tsa gagwe tse pedi.
A re ka lenaneo le, go ile ga tlhomamisiwa fa modisa wa gagwe, a ne a mo utswetse.
Rre Nkane a re modisa o ne a bolela fa dipodi tse pedi di jelwe ke phokoje.
A re morago ga seo, modisa o ne a tlogela tiro a re o ya go ithuta bongaka jwa setso mme a mo isa gae.
O tsweletse a tlhalosa fa e rile morago ga kgwedi, mapodisi a kwa Sojwe a mo leletsa gore a tle go tlhola dipodi tsa gagwe mo go tse di tshwerweng.
O boletse fa a ile a di fitlhela, mme matshwao a sentswe go setse manyena a matala, e nngwe e bile ba e shagile dinaka.
Rre Nkane a re ga a netefatse gore a tota ba ne ba utsule dipodi tse pedi fela, mme gone e nngwe e tsile e tsetse.
A re ditlhotlhomiso di ne tsa senola fa modisa yoo, a ne a tsere dinku tsa matimela tse pedi a di ithuetse.
O lebogile ka jaana modisa yo le sebare sa gagwe ba atlholetswe ngwaga tse tlhano mo kgolegelong.
Morui yo wa moraka wa Pharare go bapa le Otse kwa Kweneng, o lebogile lenaneo le thata a ba a supa gore le atlegile gonne le na le ditsompelo di tshwana le dikoloi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Sylviah Disele
Location : Molepolole
Event : Potsolotso
Date : 14 Feb 2019




