Breaking News

Kgosi o tlhalosa kgaoganyo boswa

13 Feb 2019

 Mothusa kgosi kwa Palapye, Kgosi Michael Maforaga, a re o tshwenngwa ke gore ga se gantsi kgaoganyo ya boswa e fela mongwe le mongwe a itumetse. 

Kgosi Maforaga a re dilo dio fetogile, ka jalo ngwana wa gofejane ga a sa tlhole a abelwa lelwapa la bonno le tshimo. 

O kaile fa boswa jwa segompieno bo kgaoganngwa ka go lekana. 

“Boswa bo tshwanetse jwa kgaoganngwa kwa lwapeng ke batsadi ba ba setseng le bana, fa bo pala bo ka tsena ka dikgotlana go fitlhela kgang e tsena kwa kgotleng e tona,” ga bolela Kgosi Maforaga. 

O tlhalositse gore go ya ka tsamaiso ya Setswana, ngwana wa bofelo o tshwanetse go tsaya go le go golwane, mme mo nakong tsa gompieno go le gantsi o fitlhela bana ba bannye ba na le ditsompelo go feta bomogolowabone.  

Ka jalo, Kgosi a re ba tshwanetse go fiwa ka tekatekano le fa go se motlhofo, fa e se fela mo dithotong tse di akaretsang madi le leruo ka tsone di balega. Kgosi Maforaga a re le fa go ntse jalo, go na le bana ba e reng ba filwe ditsha tsa batsadi gore ba nne mo go tsone, ba felele ba di rekisetsa batho ba sele. 

O kgadile lesika le le akerediwang mo go kgaoganyeng bana dithoto, mme e re morago ba batle gore le bone ba nne le seabe jaaka borangwane le bomalome. 

Mo go tse dingwe, Kgosi o rotloeditse morafe go dirisa dikgotlana tsa tetlanyo pele ga ba fetela kwa kgotleng e tona, go hema mosuke.  

“Ke kopa morafe ka kakaretso go tsaya dikgosi tsa dikgotlana tseo ka tlhwaafalo ka ba tlhophilwe go lebilwe bokgoni ja bone,” Kgosi a gakolola. 

 O tladitse ka gore pele ga kgang e fetela kwa kgotleng e tona, e tshwanetse go bopiwa, e na le motlhala go tswa kwa dikgotlaneng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kealogile Diloro

Location : PALAPYE

Event : kgotla meeting

Date : 13 Feb 2019