Breaking News

Segwabe o itumelela tirisano mmogo le morafe

13 Feb 2019

Kgosi Diloro Segwabe wa Sefhophe a re o itumelela tirisano mmogo ya gagwe le morafe.

Kgosi Segwabe o boletse fa mananeo a akaretsang la nyeletso lehuma a goroga kwa motseng, mme sebe segolo ke gore bangwe ba ba thusitsweng ka mananeo ba sa a tseye ka tlhwaafalo ka bontsi jwa di dirisiwa bobewa mo matlung bo sa dirisiwe.

O kopile banana go ithuta tse dintle mo batsading ba bone ka se se ka ba thusa go ikgapha mo dilong tse di sa siamang jaaka bogodu le tiriso botlhaswa ya nnotagi tse di felelang di ba senyetsa botshelo

Mo go tse dingwe, dikgosi tsa motse oo di supile matshwenyego ka go tlhoka go tirisana mmogo ga balemi le barui ka nako ya temo.

Kgosi Ikgopoleng Seomile wa Kgotla ya Malatsi a re go nna thata go letlanya ka beng ba leruo ba tsaya nako fa ba bilediwa molato kwa dikgotleng.

Ka jalo, bosupi bo felela bo nyelela le go dira melala ya dikgang mo go felelang go baka kgotlhang gareng ga morafe.

Kwa kgotlaneng ya Sengongope Kgosi Tshoganetso Gasebonwe o supile fa ba na le tlhaelo ya diterekere a re le ba ba nang natso ba sena di dirisiwa tse di tlhokegang le go tlhaela kitso ya go lema ka ditselana.

Kgosi Gasebonwe a re morafe o tswa kgakala o leka go dirisa mothale o mosha wa go lema ka ditselana mme o sa ba tswele maduo go na le wa bogologolo wa go gasa ka o sa tlhoke sepe se sentsi mme ba kopa puso go sekaseka gore a ba ka se tswelele ba o dirisa.

Kgosi Kenamile Gakemodimo wa kgotla ya Star o supile fa go utswiwa ga leruo bogolo jang ditonki go ile magoletsa.

A re banana ke bone ba ba amegang thata mo bogodung ka ba bolaela ditonki go di ja le go di rekisa.

Kgosi Gakemodimo a re se se humanegisa morafe ka ba dirisa ditonki go itshetsa le go dira ditiro tsa selegae jaaka go lema. 

Kgosi o supile fa ba tswela pelo lenaneo la Kgomokhumo ka go supafala le na le mosola ebile maduo a lone a bonala, a re keletso ya bone ke go bona le gorogile mo kgaolong ya bone.  bokhutlo

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : SELEBI PHIKWE

Event : potsolotso

Date : 13 Feb 2019