Breaking News

Mogomela o ipelega ka poko

13 Feb 2019

Mo nakong ya gompieno e letlhoko la ditiro le ileng magoletsa, banana bangwe ba itshetsa ka ditalente tsa bone. 

Ke sone se Rre Rebaone Mogomela, a ipelegang ka go boka.

O boletse mo potsolosong fa a palame serala lantlha ka ngwaga wa 2001 fa a ne a boka Rre Hebert Kgwarae yo ka nako eo e neng e le mogokgo wa sekolo se se botlana sa Letlhakane. 

A re o ne a itlhophela go boka Rre Kgwarae, mme morutabana wa gagwe ebong Mme Mosetsana Gaotsenelelwe a mo kwalela leboko.

O tlhalositse fa go diragatsa ka bokgabane joo, e ne ya nna yone tshimologo ya go boka ga gagwe, a bolela fa thotloetso e ne ya nna matsorotsoro go tswa mo batsading, baagisanyi le barutabana ba gagwe. 

Rre Mogomela wa kwa Mosu a re o galaotegile mo meletlong e e farologanyeng e akaretsa letsatsi la mafatshefatshe la Malaria, moletlo wa kaloso ya baithuti ba Botswana Accountancy College (BAC) le mo manyalong.

Go boka mo ga ga Rre Mogomela go feletse go mo fa leina la Tobetsa go tswa mo barating ba gagwe. 

“Ke iponetse leina le ka go nne Tobetsa ke lefoko le ke neng ke le dirisa go kgwa mowa fa gare ga leboko le go fa sebaka yo o a bong a duduetsa,” a tlhalosa jalo. 

O tsweletse a tlhalosa fa a simologile a kwalelwa maboko ke batho ba ba farologanyeng, mme mo nakong ya gompieno a ikwalela. 

Rre Mogomela o boletse fa nako tse dingwe a sa kwale, a ya moletlong fela a bo a feta a reetsa dibui ka go farologana mme a dirise se se builweng go boka.

A re o ne  a emisa go boka a sena go fetsa mophato wa botlhano e le tsela ya go fa dithuto tsa ithutelo tiro tsa diatla nako. Rre yo o ithutetse maranyane a dikhomputara kwa sekolong sa ithutelo ditiro sa BAC, mme o alogile ka ngwaga wa 2014.

Monana o, a re o eletsa gore a kwale dibuka tsa maboko, mme o simolotse go kgobokanya maboko a a setseng a a kwadile.

O boletse fa a eletsa go ka bona dithuso jaaka go lalediwa meletlo ya puso go ya go diragatsa teng, a re seo se ka mo fa sebaka sa go ipapatsa. 

“E bile gape ke eletsa go tlhophiwa go ya go diragatsa le kwa ntle ga lefatshe leno e le tsela nngwe ya go rekisa lefatshe la Botswana,” a bolela. 

Ntle le go boka, Rre Mogomela o direla mo sekolong sa ithutelo tiro sa BAC ele motlhatlhelelela dithuto tsa dikhomputara..ends

Source : BOPA

Author : Sylviah Disele

Location : MOLEPOLOLE

Event : potsolotso

Date : 13 Feb 2019