Dipolase le moepo di baya morafe ka fa mosing
13 Feb 2019
Banni ba Medie kwa kgaolong ya Kweneng ba ngongorega ka gore lephata la kabo ditsha le diega go ba baya ditsha tsa masimo.
Banni ba buile se mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke lephata la kabo ditsha mabapi le dipolase tse di segilweng tsa kgwebo ya temo ya dijo gaufi le motse wa Kweneng.
Ba tlhalositse fa ba sena kwa ba lemang teng ba re le yone naga ya mafudiso e ngotlegile ka ntlha ya dipolasi tseo le moepo wa magala.
Mongwe wa banni, Rre Sethanka Nkgowe o boletse fa a na le lebaka le leele a tsentse kopo ya go bewa masimo kwa Medie mme nako kgolo ele eno.
A re seemo se ga se jese diwelang ka jaana tshimo ya ga mmaagwe e ba neng ba e lema e tserwe ke moepo wa magala.
Rre Gaobuse Mogolwane le ene o amilwe ke go tla ga moepo kwa Medie ka jaana a tseetswe lefatshe go sutela ditlhabololo.
Rre Mogolwane a re o setse a iphotlhere morago gore tumalano magareng ga gagwe le moepo e seka ya diragadiwa.
O kaile gape fa lephata la kabo ditsha le kaile gore botlhe ba ba amilweng ke go sutela moepo ba tlaa thusiwa ka pela phatlha ya lefatshe e ba ka bewang teng e bonetse, maitlamo a a reng ga a diragadiwa.
Fa a tswa la gagwe, mokhanselara wa Medie, Rre Mothusi Akanyang, o supile fa ba sa tlhole ba na le lefatshe la masimo.
A re ditlhabololo tse di tsileng di ngotlile lefatshe la mafudiso kwaMedie le Kweneng.
A re sebe sa phiri ke gore batho ba ba sutisitsweng ke moepo fa ba iponetse phatlha lephata la kabo ditsha le gana go ba baya.
Erile a akgela modulasetilo wa lephata le legolwane la kabo ditsha kwa Kweneng, Rre Moemedi Babitseng, o boletse fa leeto la bone e ne e le go tlisa morero mo bathong ba metse e e amilweng ke go tla ga ditlhabololo tsa dipolase tse di segilweng.
Metse eo e akaratsa Medie, Kweneng le Boatlaname ka go bonwe lefatshe mo kgaolong eo gore go ka lengwa dijo tsa sika loo mabele.
Rre Babitseng a re lefatshe la dipolase tsa thuo lone le bonwe kwa Kweneng Bophirima kwa le gone go segilweng dipolase di le lesome le botlhanao tsa thuo.
Le fa go ntse jalo fa a tsibogela matshwenyego a banni, modulasetilo wa lephata la kabo ditsha o tlhalositse gore lefatshe ga le gole.
O gakolotse morafe gore o amogele ditlhabololo, a tlatsa ka gore leeto la bone e ne e le go tsaya megopolo fela e seng go tsaya ditshwetso.
Dipolase tseo tsa temo le thuo go bolelwa di tlaa phatlaladiwa semmuso ka kgwedi ya Phukwi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lindi Morwaeng
Location : Medie
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 13 Feb 2019




