Breaking News

Setlhopha sa MOPOMA se abela motlhoka pono

13 Feb 2019

Komiti ya setlhopha se se lwantshang borukuthi sa MOPOMA e abetse rre mongwe wa motlhoka pono kwa Pole dijo le didirisiwa tse di tlhapang. 

Setlhopha sa MOPOMA se akaretsa metse ya Mosojane, Pole le Masukwane kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba,

Setlhopha se rekile dimpho tse ka makgolo a supa a dipula mme di roletswe Rre Mpho Ngebani mo moletlong o o neng o tshwaretswe kwa Pole bosheng.

Go bolelwa fa Rre Ngebani, yo o dingwaga tse di masome  mararo le motso, a berekile le komiti ya MOPOMA e le moithapi wa tsa sepodisi kwa Pole, mme morago a ya kwa Gaborone go ya go batla mafulo a matalana, kwa a fetileng a latlhegelwa ke pono.

Modulasetilo wa komiti ya eo, Kgosi Dick Chikuba, wa Masukwane, a re e re lentswa komiti ya bone e itebagantse le go lwantsha borukuthi, ba bone go tshwanela gore ba supe mowa wa kutlwelo botlhoko mo go Rre Ngebani.

Kgosi o tlhalositse fa ba ne ba thulanya ditlhogo go tla ka mogopolo wa go direla Rre Ngebani sengwe morago ga gore a welwe ke seru sa go latlhegelwa ke pono.

A re ba ne ba dumalana gore ba ntshe bonyenyane jo ba ka bo kgonang go fitlhelela maikaelelo a bone.

Go ntse go le foo, Kgosi Chikuba o ne a lebogela batsadi ba ga Rre Ngebani lerato le kemonokeng e ba mo e neelang, mo seemong se se botlhoko sa go tlhoka pono.

Mookamedi wa setlhopha seo, Sergeant Duba Duba o ne a galaletsa MOPOMA mo tirong e ba e dirileng, a supa fa ba nnile le kakanyo e e molemo ya go gopola mongwe ka bone.

Sgt Duba a re go a itumedisa go bo ba ne ba tsaya kgato morago ga gore mongwe ka bone a welwe ke seru go na le go tlelwa ke kakanyo ya gore ‘ga di nkame’.

Fa a bua mo boemong jwa mookamela mapodisi a Masunga, Sub-Inspector Kgomo Marotsi le ene fela jalo o ne a galaletsa MOPOMA, a re se ba se dirileng se supa fa ba tshwaragane.

S/Insp Marotsi o ne a ba kopa go tswelela ka tshwaragano eo go netefatsa gore ba ntsha tlhogo mo ditlhopheng tse dingwe tsa kgaolo.

O ne a kopa banni go emoisa go thapa batswakwa ba ba senang diteseletso le dipampiri tsa go tsena mo lefatsheng leno ka fa molaong. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : MOLEPOLOLE

Event : Kabo Dimpho

Date : 13 Feb 2019