Breaking News

Komiti e lela ka tlhaelo ya dikago

13 Feb 2019

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo kwa Malwelwe kwa kgaolong-potlana ya Letlhakeng, Mme Babolotse Mokweni, o lela ka tlhaelo ya diofisi le matlo a boroko jwa badirelapuso kwa motseng oo. 

Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Mme Mokweni o boletse fa seemo se bifisiwa ke gore lenaneo la Ipelegeng le itebagantse thata le ditiro tsa go tlhagola le ntswa motse o  saletse morago mo ditlhabololong. 

O ne a fa sekai ka mokenti, yo a reng o pataganetse ofisi le molemisi mme kamore ya teng e le nnye thata. 

A re dipalo tse ba di fiwang tsa lenaneo la Ipelegeng di a tlhaela, a re ba fiwa diphatlha dile masome a supa le borataro, mme a re mo nakong eno ba setse ba kwadisitse batho ba ba tlaa theogelang ka kgwedi ya Seetebosigo. 

Mme Mokweni a re mo mading a go tlhabolola dikgaolo tsa botlhophi a P10 million mo ngwageng wa 2017/2018, ba ne ba filwe matlo a borutelo a le mabedi, e le nngwe kwa Malwelwe le e nngwe kwa Maratswane. 

O supile fa mo ngwageng wa 2018/2019, ba filwe sebaka sa go baakanya ntlo-lehalahala le go e gokela motlakase, fa Maratswane a filwe go dira matlwana a boitiketso a mabedi kwa sekolong, mme ditiro tseo tsotlhe di ise di simololwe. 

Mme Mokweni a re ba ntse ba baakanya matlo a komiti a boroko mme se se diang paakanyo eo ke gore ba ba hiriseditsweng matlo ba duela morago ga nako. 

O supile fa tiro e nngwe e ba e dirang go tsenyetsa komiti madi e le go foroma ditena ba bo ba di rekisa, a supa fa morafe o ba eme nokeng ka go reka ditena tseo. 

E ne ya re a ama ditiro tsa ba boipelego tsa go thusa ba ba tlhokileng lesego, a supa fa ba ne ba thusiwa ka matlo a le mane ke lephata leo mo ngwageng oo fetileng, a kaya fa matlo a mabedi a ne a agiwa kwa Malwelwe fa a mangwe a mabedi a ne a agiwa kwa Maratswane. 

Mme Mokweni o boletse fa matlo ao otlhe a fedile ebile a abetswe beng ba one. 

O ne a tswelela ka go supa fa mo ngwageng ono go tlaa agiwa matlo a mabedi kwa Malwelwe fa e le nngwe e tlaa agiwa kwa Maratswane. 

A re mo nakong ya gompieno, ba baakanya pego ya komiti ka jaana e tlaare mo kgweding ya Phukwi go tlhopiwe komiti e ntsha mme ba e rolele dibuka. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Jacob Obotseng

Location : Letlhakeng

Event : Potsolotso

Date : 13 Feb 2019