Breaking News

BoFiNet e abela baithuti ba basetsana

12 Feb 2019

Badiri ba Botswana Fibre Networks (BoFiNet) ba abetse basetsanyana ba le makgolo a mabedi, masome a robabobedi le bone ba sekole se segolwane sa Lerala mesangwana ya bomme e le 1 914.

Mesangwana e, e tlaa ba tlamela kgwedi tse nne fa mongwe le mongwe a tsaya mephuthelwana e  le metlhano.

Fa a rola mesangwana eo, mogolwane go tswa kwa BoFiNet, Mme Ogone Madisa-Kgwarae, o boletse fa ba sa itebaganya fela le maranyane ka ba kgona go tsenya letsogo mo go thuseng setshaba.

Mme Madisa-kgwarae a re go supagala fa basadi ba se bantsi ba ba tshwereng maemo a a kwa godimo mme se e le ka ntata ya gore ba ka tswa ba sa kgona go atlega mo leetong la thuto. 

A re nngwe ya dilo dingwe tse di kgoreletsang ngwana wa mosetsana fa a gola ke go bona setswalo.

A re nako ya fa ngwana wa mosetsana a bona setswalo o a etsaetsega, mo gongwe go nne le kgatelelo mo batsading, ba leka go tlhalosa, go mo fa tsela le boammaaruri le go mo ema nokeng. 

Batsadi ba a ne ba leka go mo tlhalosetsa gore a itlhokomele jang le gore o ka ima fa a ka tlhakanela dikobo mme seo gape e nne kgwetlho mo go bone.

Mme Madisa-Kgwarae a re fa bangwe ba simolola setswalo ba ne ba bolelelwa gore ba seka ba tshameka le bo kgaitsadiabone mme seo se seke se ba tseye sentle fa bangwe ba ne ba tshwanelwa ke go nna fela kwa lwapeng mo nakong e e rileng kgwedi le kgwedi.

A re bangwe ba basetsanyana ba ne ba kgobiwa kana ba tshegwa ke ba bangwe ka nako e. 

A re mo dinakong tse dingwe se se tsewa motlhofo mme se kgona go diga maikutlo a ngwana wa mosetsana e bo e nne mabaka a gore a nne kwa lwapeng go fitlhela setswalo se ema mme seo se ame dithuto tsa gagwe.

A re go a supagala gore selo sa tlholego jalo se ebileng se le botlhokwa jo bo kalo, se ka kgoreletsa bokamoso jwa motho. 

Mme Madisa-Kgwarae a re dikgang tse di utlwisa botlhoko, ka jalo a re bana ba basetsana ba tlhoka kemo nokeng gore ba fitlhelele ditoro tsa bone. 

A re kemo nokeng eo ke gore borre kana bana ba basimane ba tlhaloganye se se diragalang mo botshelong jwa ga kgaitsadiabone.

Ngwana wa mosetsana o ka engwang nokeng ka go mo neela mesangwana gore a ikutlwe a le motlotlo, mme a tsweletse le tiro ya gagwe ya sekole a sa tshwenyegegore o ka itlatsa leswe.

Mme Madisa-Kgwarae a re ga se mongwe le mongwe yo o kgonang go reka mesangwana kgwedi le kgwedi, ke sone se mmereki mongwe le mongwe wa BoFiNet a neng a tsenya letsogo go thusa go reka mesangwana e.

A re le fa bangwe ba ne ba sa tlhaloganye botlhokwa jwa mesangwana, mo ngwaneng wa mosetsana bogolo jang borre, ba ne ba felela ba tlhaloganya mme le bone ba nna le seabe mo go thuseng.

Fa a amogela dimpho tseo, mothusa mogokgo wa sekole, Rre Boniface Chifana o ne a lebogela dimpho mme a supa fa di tlaa thusa baithuti.

O ne a lebogela BoFiNet go bo ba ne ba seka ba aba dimpho fela mme ba ruta basetsana ka go itlhokomela fa ba le mo setswalong.

BoFiNet ke nngwe ya dikhamphani tse di ba fileng thuso ebile ba itumelela seo. 

O kopile dikhamphane tse dingwe go ba thusa ka mo ba ka kgonang teng ka ba na le letlhoko le le ntsi.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : Lerala

Event : Kabo Dimpho

Date : 12 Feb 2019