Breaking News

Go itekanela ga modiri go rotloetsa botlhaga le bonatla

12 Feb 2019

Kgosi ya kgotla ya Kagiso kwa Selebi Phikwe, Rre Gunny Moses, a re go itekanela ga modiri go tlhotlheletsa botlhaga mo tirong.

O buile se kwa letsatsing la itshidilo mmele le le neng le rulagantswe ke badiri ba lephata la khiro, tokafatso bodiredi le tlhabololo dikitso kwa Selebi Phikwe bosheng.

O boletse fa go itshidila go thusa mmele gore o seka wa tshabelelwa ke malwetse kgapetsa kgapetsa segolo jang malwetse a a sa tshelwaneng jaaka jwa sukiri.

A re go itshidila mmele go thusa modiri go tsaya ditshwetso tse di maleba mo nakong e khutshwane fa a kopana le dikgwetlho tse di tlhokang go rarabololwa ka bonako mo tirong.

Kgosi Moses o rotloeditse badiri go tswelela ka lenaneo la bone la go itshidila ka le nale seabe mo go tokafatseng botlhaga, botsalano le go nna kutlo mo tirong.

E rile a ntsha la gagwe, molomaganya ditiro tsa HIV/AIDS kwa ofising ya ga molaodi kwa Selebi Phikwe, Rre Shatiso Daki, o ne a rotloetsa badiri ba lephata leo go tswelela ka lenaneo la bone la itshidilo mmele ka go setse go supefetse fa lephata la bone le gatetse pele mo go tsa itshidilo.

Rre Daki o tlhalositse fa lefatshe leno le bona koketsego ya dintsho tse di bakwang ke malwetse a a amangwang le go sa itshidila mmele.

O boletse gape fa puso e dirisa madi a mantsi mo kalafing ya malwetse a a sa tshelwaneng a a kabong a thibelwa motlhofo.

Rre Daki o rotloeditse badiri go tokafatsa lenaneo la bone la itshidilo mmele ka go nna ba laletsa baitseanape ba tsa ishidilo mmele go ba thusa go le tsamaisa.

Mogolwane go tswa kwa lephateng la khiro kwa Selebi Phikwe, Rre Bambanani Manewe, o boletse fa setlhogo sa letsatsi la bone la itshidilo mmele se se reng Modiri yo o Itekanetseng o Nna Tlhaga mo Tirong, se dirilwe go netefatsa fa botsogo jwa modiri bo na le seabe mo go direng ka natla mo tirong.

Rre Manewe o boletse fa dipatlisiso di supile fa modiri yo o itekanetseng a le tlhaga mo tirong ka jalo ba ikaeletse go tokafatsa botlhaga jwa badiri ba lephata la bone ka itshidilo mmele.

O rotloeditse badiri ba maphata go tswelela ka go tsaya dikgakololo tsa ba botsogo gore ba tokafatse ka fa ba tshelang ka teng jaaka go ja sentle lego itshidila mmele.

Rre Manewe o ne a rotloetsa badiri go tswelela ba itshidila mmele fa ba sena go tlogela tiro ka bogodi, ka bontsi jwa malwetse a a bakwang ke go sa itshidila mmele a tshabelela motho fa a sena go tlogela tiro.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kago Kgosietsile

Location : Selibe Phikwe

Event : Tsatsi la itshidilo mmele

Date : 12 Feb 2019