Go jesa leruo konokono ka nako ya leuba
12 Feb 2019
Barui ba gwetlhilwe go fa leruo la bone dijo tse tsisang dikotla go hema manokonoko a leuba.
Fa a buisa phuthego ya kgotla kwa Tsabong bosheng, Dr Elisha Nyakarombo go tswa kwa lephateng la tsa matlhoko a leruo, o boletse fa lephata le tshwaragane le khamphani ya Techno Feeds go dira dijo tsa leruo.
Dr Nyakarombo o ne a kopa banni go tla ka maano a go jesa diruiwa ka nako ya komelelo.
O ne a ba rotloetsa go laola palo ya diruiwa tsa bone, a tlatsa ka gore go sa laoleng palo go ka ba bakela mathata ka nako ya leuba.
A re barui ba tshwanetse go simolola go jesa leruo la bone pele ga nako ya komelelo.
A re ba tshwanetse go fa leruo dijo beke le beke ka gore ka nako ya leuba bojang ga bona dikotla.
Dr Nyakarombo o kopile barui go nosa leruo la bone metsi a mantsi, a supa fa go tlhoka metsi a mantsi go ka baka gore ba latlhegelwe ke leruo.
O tsweletse a supa fa mokento o le maleba mo nakong ya leuba ka leruo le tshwanetse go fiwa dikotla tsa Vitamin AD.
O kopile barui go dirisa molemo o o bolayang dibokwana pele ga nako ya leuba ka dibokwana di felela di ba bolaela leruo.
O ne a kopa barui go emisa go fa leruo la bone motswako wa letswai fela ka o tshwanetse go tlhakanngwa le metswako e mengwe.
Dr Nyakarombo o boletse fa kgwetlho e tona e barui ba lelang ka yone e le go nna le tlhaelo e ntsi ya dijo tsa leruo mo marekisetsong, selo se ba supileng fa se ba busetsa morago.
Fa a tswa la gagwe, moitseanape go tswa kwa go ba temo, Mme Mpotsang Podisi o kopile barui go lema lablab ka puso e otlolotse letsogo mo pakeng eno ya temo.
Mme Podisi o ne a gwetlha balemi go ikwadisetsa go fiwa dipeo nako e santse e le teng, a supa fa lablab e dira sentle kwa kgaolong ya Kgalagadi.
O kopile balemi barui go lema bojang jwa Napia, ka bona le dikotla tse dintsi, e bile bo siametse go jewa ke leruo ka nako ya komelelo.
Mme Podisi o kopile barui le balemi go ikgolaganya le maphata a a lebaganeng le tsa temo le ba matlhoko a leruo go ithuta ka ditirelo tsa bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Poloko Lekhutlile
Location : Tsabong
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 12 Feb 2019




