Breaking News

Ba Mankgwenyane ga ba robatswe ke dibara

12 Feb 2019

Kgosi Gagonthone Sesupo wa kgotla ya Mankgwenyane kwa Molepolole a re ga ba jesiwe diwelang ke dibara dingwe kwa kgaolwaneng eo. 

Fa a bua mo potsolotsong bosheng, Kgosi Sesupo o tlhalositse fa kgotla eo e dikaganyeditswe ke marekisetso a bojalwa a a reng a  tlala phetelela.

A re banni ga ba robadiwe ke modumo o o kwa godimo thata o ebileng o kgoreletsa baithuti go dira tiro ya sekolo kwa malwapeng. 

A re selo se se mo tshwentseng le go feta ke gore modumo o, o oka bana ba ba dingwaga tse di kwa tlase, ba bangwe ba bone ba santseng ba tsena dikole.

 O tlhalosa fa kwa marikisetsong a, go diragala dintwa tse di masisi nako le nako. 

Le fa gontse jalo Kgosi Sesupo o kaile fa ba eme ka dinao go itepatepanya le seemo se, a supa fa ba kile ba ikgolaganya le ba molao go ikuela tebang le seemo se. 

A re le ntswa modumo wa diletso o tsweletse, dibara tsone di tswalwa ka nako morago ga gore mapodisi a eme bagwebi ka lefoko.

Godimo ga moo, kgosi o supa fa mapodisi a beile seemo leitlho. 

O tlhalosa gape fa kgotla eo e boloditse letsholo go itepatepanya le ba ba tlhokang tsebe kwa maitisong ka go ba biletsa kwa kgotleng go tla go ba kgalemela ka fa go tshwanetseng. 

Modulasetilo wa baithaopi ba ba thusang go lwantsha borukutlhi, Rre Keabetswe Rantoko, o tlhalositse fa ba ipaakanyeditse go busetsa dilo mo mannong. 

A re ba itlamile go tsamaya mo dikoleng ba buisana le baithuti go ba tsibosa ka bodiphatsa jwa go tlhoka tsebe le tiriso ya nno tagi. 

Rre Rantoko a re go dira jalo go ka sologela bana molemo ka le ojwa le sa le metsi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Goitseone Tlhware

Location : Molepolole

Event : Potsolotso

Date : 12 Feb 2019