Ngwao mokokotlo wa tlhabololo dikitso
12 Feb 2019
Mokwaledi mogolo wa lephata la ditiro le tlhabololo dikitso, Mme Pearl Ramokoka, a re ngwao ke mokwatla wa tlhabololo dikitso.
O buile jalo kwa moletlong wa letsatsi la ngwao la Lobatse Brigade Centre ka Labotlhano.
O boletse fa go le botlhokwa gore batho ba itlhaloganye gore ba kgone go tsosolosa seriti sa bone le go tlhabolola lefatshe.
Mme Ramokoka a re Tautona Dr Mokgweetsi Masisi o supile matshwenyego ka letlhoko la ditiro, bogolo jang mo bananeng.
Letlhoko la ditiro le dira gore banana bangwe ba inaakanye le ditiro tsa botlhokatsebe, selo se se godisang dipalo tsa bone kwa dikgolegelong.
Mme Ramokoka o ne a kgothatsa baithuti go dirisa dikitso tse ba di amuleng go tlhabolola matshelo a bone le a Batswana kakaretso.
Mme Ramokoka a re ka motho a kgona go fetolwa ke ba bangwe, go botlhokwa gore baithuti ba rutwe go tshela mmogo, go tlotlana le go itlotla.
O ba kgothaditse go itshwaraganya le bagolo gore ba ithute mekgwa, setho le bothakga jwa Setswana.
Kgosi Kgotlaetsile Motsamai wa Motswedi a re thulaganyo ya letsatsi le e sa le e simolotse ka dithuto go tswa mo maphateng a puso go akaretsa ba sepodisi sa Botswana le ba bogosi, dibeke pele ga letsatsi la ngwao go fa baithuti maele a botshelo.
A re bane ba tshwere dithuto ka ngwao, gore Batswana ba ka lemogiwa jang, a tlatsa ka gore bogologolo go ne go se na bongaka kgotsa dikokelo, mme Batswana ba ne ba thusiwa ke ditumelo le meila go ikgapha mo dilong dingwe.
Mokhanselara wa kgaolwana ya Boswelatlou, Rre Themba Setimela a re go botlhokwa gore baithuti ba ithute ngwao.
Letsatsi le ne le tsenwe ke baemedi ba maphata a puso, makalana a a ikemetseng le bagwebi ba ba botlana ba ba thusitsweng ka mananeo a puso.
Go ne go supiwa dikgafela, maboko, dikhwaere le tse dingwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Grace Sebape
Location : Lobatse
Event : Moletlo
Date : 12 Feb 2019




