Baithuti ba paka thuto ga e golelwe
12 Feb 2019
Thuto ga e golelwe e tsweletse ka go tokafatsa boleng jwa yone.
Se se supilwe ke baithuti ba ba tseneng dithuto tse, mme jaanong ba le mo ithutuntshong ya go roka kwa Mochudi.
Baithuti ba, ba tswa kwa metseng mengwe ya Kgatleng.
Mongwe wa baithuti, yo e leng monana wa dingwaga tse di masome mararo, Mme Mmatsela Sello, a re o ne a felela ka lekwalo la bosupa.
A re ka a ne a palelwa, o ne a tlogela mo tseleng ka ntlha ya boitlhobogo.
Mme Sello a re o ne a kgothadiwa ke moagisanyi wa gagwe, Mme Lucy Setshedi, go ikwadisetsesa thuto ga e golelelwe ngogola mme o ne a seka a ipona tsapa.
O kaile fa a setse a bona maduo, a tlatsa ka gore o ikaelela gape go dirisa ka botlalo kitso e a e neetsweng ya tiro ya diatla.
Mme Sello o ne a rotloetsa banana ba ba sa kgonang go tsena sekolo go tsena thuto ga e golelwe ka e bula tlhaloganyo le go fa motho sebaka sa go leba thuto le botshelo ka leitlho le le botoka.
Fa a tswa la gagwe, Rre Khono Mokotedi, yo o dingwaga tse di masome marataro le bosupa yo e neng e le ene rre fela ebile a ba feta botlhe ka dingwaga, o simolotse ga e golelwe ngogola.
A re o gwetlhilwe ke go batla go itse go bala le go kwala ka a ne a na le kgwetlho ya go tsweledisa botshelo jwa gagwe segolo thata fa go tla mo go baleng le go kwala.
Rre Mokotedi a re le ntswa e le lantlha a kopana le go roka, o rutegile ebile o na le lerato le keletso ya go roka le go tsweledisa kitso e a e amuleng go itlhabolola.
Moeteledi pele thuto ga e golelwe e jaanong e bidiwang Out of School Education and Training, (OSET) kwa Mochudi, Mme Galeboe Moagi, a re ga ba a itebaganya fela le go ruta bagolo ka jaana ba na le thulaganyo ya go ruta bana ba ba sa tseneng sekolo ka lenaneo la Out of School for Children (OSEC) le ya ditiro tsa diatla.
A re maikaelelo a thuto ga e golelwe ke go netefatsa gore baithuti ba a atlega mo go tsa go bala le go kwala le go anywa matsipa a go itshetsa.
A re keletso ke go bona baithuti ba simolola dikgwebo mme ba ntse ba tshegeditse go tsena sekolo a tlatsa ka gore bangwe ba baithuti kwa Kgatleng ba ithuta go apaya apaya dijo ka go farologana le go roka ditlatlana.
Le fa go ntse jalo, Mme Moagi a re kgwetlho kgolo ke gore baithuti bangwe ga ba a tlhwaafala ka ba na le mokgwa wa go tlogela sekolo ba ya go dira ditiro tsa selegae.
O ne gape a rotloetsa setshaba go ikgolaganya le ofisi ya OSET go kopa dithuso ka tsamaiso le go ikwadisa a re ba amogela mongwe le mongwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kesego Ngwai
Location : Mochudi
Event : Potsolotso
Date : 12 Feb 2019




