Kgosi o itumelela tiro ya khansele
11 Feb 2019
Kgosi ya Nxaraga kwa kgaolong ya Nhabe, Kgosi Gaolathe Kgosigaenyatswe, o akgoletse khansele ya Bokone Bophirima go ruta morafe ka ditirelo tsa khansele.
O buile jalo bosheng fa khansele e boloditse letsholo la go isa ditlamelo kwa bathong.
A re go a itumedisa go bona maphata mangwe a neela banni sebaka sa go itse gore ba ka bona thuso kae.
Le fa go ntse jalo, a re go nyemisa moko ka jaana morafe o ne o sa ketemelela kwa kgotleng le ntswa ditirelo di ne di tsisitswe kwa go bone.
Kgosi Kgosigaenyatswe o ne a itumelela lephata la ditima molelo a re le dira tiro ya lone ka bonokopila ka jaana le tsiboga ka nako tsotlhe fa go na le diemo tse di ba tlhokang.
O kopile badirisi ba tsela go dirisanaya le badiri ba lephata leo ka ba tshwanetse go itlhaganelela go boloko matshelo a batho.
Kgosi o ne a lebogela lephata la Dikitsiso go tlhomamisa gore g pampiri ya dikgang ya DailyNews e goroga kwa motseng oo.
Moemedi wa khansele, Rre Thatayaone Maupong, o tlhalositse fa ba sa ise ditlamelo fela mo le goeleleng mme ba setse maitlamo a tebelopele ya setshaba ya 2036.
A re maitlamo magolo a khansele ke go tokafatsa matshelo a batho ka go ba fa ditlamelo.
O boletse fa ba dira seo ka go phatlalatsa mananeo, go aba dithendara le gone go rotloetsa banni go dirisa mananeo a puso a dithuso.
Rre Maupong a re ba dira jalo ba dirisanaya le dikomiti tsa metse ka jaana e le bone pinagare ya ditlhabololo tsa metse.
O gateletse botlhokwa jwa go dirisanya mmogo le ofisi ya boipelego, komiti ya motse le ya village extension team a re ke bone matlho a puso kwa metseng.
A re khansele e dira le maphata otlhe ka bophara maikaelelo e le gore ditirelo di goroge kwa setshabeng.
Maphata ka go farologana a ne a nna le sebaka sa go tlhalosa ditirelo tsa one le go bolelela morafe ko ba ka bonang dithuso teng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Onalenna Mokhawa
Location : NXARAGA
Event : Bokopano
Date : 11 Feb 2019




