Makhanselara a amogela pego ya kgaoganyo ya madi
11 Feb 2019
Makhanselara a kgaolo ya Bokone Botlhaba a amogetse pego kakanyetso ya kgaoganyo ya madi a ditiro tsa khansele ya ngwaga wa 2019/2020.
Ba amogetse pego, ee neng e rolwa ke modulasetilo wa komiti ya madi, Rre Dumani Kelepi mo phuthegong e e faphegileng ya khansele bosheng.
Rre Kelepi o ne a tlhalosa fa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae le laetse khansele go fokotsa madi a ditiro tsa yone ka bongwe mo lekgolong.
Ka jalo go nnile le phokotsego mo ngwageng wa madi wa 2019/2020 fa go tshwantshanngwa le ngwaga ono.
Rre Kelepi a re phokotsego e dirile gore khansele ya Bokone Botlhaba e bone P164 955 490 go ka kgaoganngwa maphata otlhe a yone.
A re ditiro dingwe tsa khansele ga di na go diragadiwa, a tlatsa ka gore go botlhokwa gore bonnye jo bo leng teng bo dirisiwe ka kelelelo.
“Mo kgaoganyong ya madi go ya ka maphata a khansele, maphata mangwe a tlaa bona koketsego, fa a mangwe a tla bona phokotso ya madi,” ga tlhalosa jalo Rre Kelepi.
O tsweletse a tlhalosa fa lengwe la maphata a a okeleditsweng madi mo ngwageng ono e le la boipelego le tlhokomelo matshelo a batho ka jaana le tlaa tlhoka P28 542 140 fa go tshwantshanngwa le P26 107 660 wa ngwaga ono wa madi.
A re lephata leo, le tlaa bona koketsego ya madi ka jaana go sa tswa go thapiwa badiri ba le masome a mabedi le boferabobedi ba lephata leo.
Lentswa ba ne ba lebogela pego eo, mokhanselara mangwe a ne a supa fa a le sebete semolangwana ka phokotsego eo, ba bolela fa e tlaa ama ditirelo dingwe tsa khansele.
Mokhanselara wa kgaolwana ya Masunga, Rre Elias Mbonini, a re go botlhokwa gore khansele e tsholetse dinao go tswa ka methale ya go iterela madi.
O ne a supa gape fa go le botlhokwa gore khansele e batle ditsela dingwe tse ka tsone e ka kgonang go tlhama ditiro mo kgaolong go thusa puso mo manokonokong a letlhoko la mebereko.
Mokhanselara wa kgaolwana ya Tshesebe, Rre Smarts Mathonsi, o ne a gwetlha khansele go tsosa dinao go phutha madi a e a kolotiwang, a tlhalosa fa madi ao a ka thusa go dira ditiro dingwe tsa khansele.
Go sale foo, e ne ya re fa ba akgela mo pegong ya tshekatsheko ya lenaneo la ditlhabololo tsa kgaolo la boferabobedi (DDP8), makhanselara mangwe a ngongoregela go bo ditlhabololo dingwe tse ba neng ba di kopile kwa dikgaolwaneng tsa bone di sa akarediwa mo lenaneong leo, fa tse dingwe di fokoditswe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : MASUNGA
Event : Phuthego ya Khansele
Date : 11 Feb 2019




