Breaking News

Mokgatlho wa banana o thusa balwetse

11 Feb 2019

Mokgatlho wa banana oo bitswang Botswana Youth for Social Development Association o tsere tshwetso ya go thusa balwetse ka dijo tsa motshegare  fa ba emetse thuso ya bongaka kwa kokelong ya Princess Marina.

Mokgatlho oo o tlhamilwe ke Rre Kgololo Mmipi le Busiwa McBrain-Mpungose ka ngwaga wa 2017 ba thusiwa ke banana ba Anglican Diocese of Botswana.

Rre Mmipi o boletse mo potsolotsong fa ba lemogile gore bangwe ba balwetse ba etelang kokelo ya Princess Marina letsatsi le letsatsi ba a bo ba tswa kwa ntle ga  Gaborone.

 A re ga se botlhe ba ba nang le madi a go reka dijo fa baemetse thuso.

Rre Mmipi o tlhalositse fa mokgatlho o tlhametswe go thusa ka mananeo a sennela ruri a a ka tlhabololang banana, baithuti le go thusa banana  ba ba sa tlholeng ba tsena dikole e bile ba sa bereke.

A re ba ikaelela go dira gore ba ba tlhokileng lesego e bile ba sa kgone go itirela ba bone dithuso ka nako gore le bone ba nne le tsholofelo.

 A re seo se ka thusa gore ba ba kgakala le ditlamelo ba tswe mo lehumeng mme itsholelo ya lefatshe e tokafale.

Rre Mmipi o boletse fa mokgatlho oo o na le maloko a a ikwadisitseng a le masome a mabedi le bosupa.

A re gole gantsi bangwe ba ba tsileng go kopa thuso ba ne ba nna ba kopa thuso ya madi a sepalamo go boela kwa mafelong a ba tswang kwa go one ebile ba nna ba lela ka tlala mme seemo seo sa ba gwetlha go tlhama mokgatlho.

A re ba ne ba nna ba neela balwetse madi fa ka bangwe ba bone ba ne ba tlhalosa fa ba rekile dijo ka madi a sepalamo ebile ba nna kgakala gape ba supa fa ba tlhola letsatsi lotlhe ka tlala ba emetse thuso.

Rre Mmipi o tlhalositse fa mokgatlho o, o dumela fa lehuma le na le ditlamorago tse di ka amang itsholelo le ka fa motho a ka akanyang ka teng le ka fa a tsayang ditshwetso dingwe tsa botshelo, ka jalo ba itlamile go thusa ba ba tlhokang.

O boletse fa ba bona thuso go tswa mo mekgatlhong ya dikereke ka go farologana, makgotlana a a ikemetseng le dikhamphani. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Matlhogonolo Letshelaphala

Location : TLOKWENG

Event : Potsolotso

Date : 11 Feb 2019