Breaking News

Botshabelo o leboga Kgosi Mojuta

11 Feb 2019

Kgosi ya pele ya kgotlana ya Botshabelo kwa Selebi Phikwe, Mme Olebogeng Mojuta, o lebogetswe bonatla jo a bo supileng mo tirong ya gagwe.

Kgosi Mojuta, yo o tlogetseng tiro ka bogodi, o sale a nna kgosi dingwaga di le masome mararo le bosupa tse di fetileng, mme a bereketse mo dikgotlaneng ka go farologana.

Fa a bua kwa moletlong wa go tsamaisa Kgosi Mojuta sentle, mogolwane kwa kgotleng ya Botshabelo, Mme Lechezani Dubula o tlhalositse fa Kgosi Mojuta a ne a rata tiro ya gagwe ebile a e dira ka bokgabane.

O boletse fa Mme Mojuta a le pelotelele ebile a kgona go letlanya batho le go ba fa dikgakololo.

A re batho ba Botshabelo ba ne ba na le tshepo e ntsi mo go ene, ebile ba mo tlotla ka e le motsadi wa bone.

Mme Dubula o tlhalositse fa ene le badiri ka ene ba tlaa dirisa dikitso tse ba di amuleng mo go Kgosi Mojuta go fa setshaba ditirelo.

Mookamela mapodisi a Botshabelo, Superintendant Gothusamang Badubi o tlhalositse fa Kgosi Mojuta a ne a dirisana sentle le mapodisi.

Supt Badubi o boletse fa Kgosi Mojuta a ne a thusa mo go feng badiri ba sepodisi dikgakololo gore ba kgone go dira tiro ya bone ka botlalo.

A re ba tlaa tswelela ba dirisa dikitso tse ba di ithutileng mo go ene le go nna ba kopa dikgakololo tsa gagwe lefa a tlogetse tiro.

Moemedi wa bagwebi ba toropo ya Selebi Phikwe, Rre Najumudeen Safiullah, o tlhalositse fa Kgosi Mojuta a thusitse thata mo kgolong ya dikgwebo tsa bone.

A re o ne a kgona go letlanya dipharologanyo tsa babereki le bahiri le go tsisa botsalano le tirisanyo mmogo mo tirong.

O tlhalositse fa botlhaga jwa ga Kgosi Mojuta bo dirile gore a kgone go atlega mo go agisanyeng setshaba ka nako tsotlhe.

Mongwe wa bagolwane ba kgaolwana ya Botshabelo, Rre Kegope Molatlhegi o tlhalositse fa Kgosi Mojuta e le senatla, ka jalo a tshwanetse go galalediwa mo go ageng kgaolwana ya Botshabelo.

O tlhalositse fa kgosi a fitlhetse Botshabelo a tletse ka botlhokatsebe mme a kgona go busetsa dilo mo tshiamong.

Fa a tswa la gagwe, Kgosi Mojuta o tlhalositse fa a simolotse tiro ya gagwe mo lekgotleng la Setswana e le mokwaledi ka ngwaga wa 1974.

A re o ne a tswelela ka go tlhatlosiwa maemo go fitlhela e nna kgosi kwa Botshabelo ka ngwaga wa 1981.

O boletese fa ka ngwaga wa 1982, a ne a fudusediwa kwa kgotleng ya Kagiso e ntse e le kwa Selebi Phikwe kwa a neng a dira dingwaga di le lesome le boraro.

O tlhalositse fa a ne a boela kwa Botshabelo kwa a neng a dira dingwaga di le lesome le bosupa go fitlhela a tlogela tiro ka bogodi ngwaga o o fetileng.

Mme Mojuta o ne a lebogela kemo nokeng le tirisanyo mmogo e a  neng a e neelwa ke badiri ka ene le morafe wa Selebi Phikwe gore a kgone go dira tiro ya gagwe.

A re le fa a ne a kopana le dikgwetlho mo tirong ya gagwe, o ne a kopa dikgakololo kwa bagolong. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kago Kgosietsile

Location : SELEBI PHIKWE

Event : Moletlo

Date : 11 Feb 2019