Breaking News

Go tswakanya kgwebo go ntsha dipoelo tse di botoka

10 Feb 2019

E re ka mookodi wa pula o beelediwa ntlheng tsotlhe, Mme Babapisi Keabile, ke mongwe wa Batswana ba ba sa iponeng tsapa go dira dikgwebo ka go farologana. 

Mme Keabile, yo o tlholegang kwa Nkange mme jaanong e le monni wa Francistown, o itsege ka go rekisa merogo, maungo, dijo tsa Setswana le diaparo.

O boletse mo potsolosong fa a na le dingwaga di ka feta lesome le botlhano e ntse e le mogwebi. 

O tlhalositse fa a lemogile fa thekiso ya merogo le maungo e le botlhokwa thata ka e bile  lephata la botsogo le kaile fa dijo tsa go nna jalo di siametse botsogo, mme le ene lerato la gagwe la dijo tsa Setswana le mo kgothatsa go tsena mo kgwebong eo.

Mme Keabile a re e re ka thekiso ya merogo le maungo e laolwa ke dipaka tsa thobo, mo nakong eno o rekisa merogo le makgomane, tse a tlhalosang fa theko ya tsone e nametsa. 

A re ka letseno le a le bonang mo kgwebong ya gagwe o kgonne go tsenya bana ba gagwe sekolo.

“Go nna fela o itshopere matsogo ga go busetse sepe, ka jalo ke bone go le botlhokwa go tswa mogwebi gore ke kgone go itshetsa,” a tlhalosa.

Le fa go le jalo, Mme Keabile o kaile fa a kopana le dikgwetho ka mefuta jaaka go senyega ga merogo le maungo, selo se se kgonang go mmusetsa kwa morago. 

O kaile fa se, se mmusetsa kwa morago ka gape a reka merogo le maungo a gagwe kwa metseng e e bapileng le toropo jaaka Mandunyane le Tonota. 

O tlhalositse fa maikemisetso a gagwe e le go emelana le dikgwetlho tsotlhe tse a kopanang le tsone, a tlatsa fa keletso le tsholofelo ya gagwe e le go nna le tshimo e e leng ya gagwe. 

O ne a gakolola bagwebi ba ba botlana go nna pelotelele mo dikgwebong tsa bone ka go sena kgwebo e e senang dikgwetho. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Ogomoditse Paul

Location : FRANCISTOWN

Event : Potsolotso

Date : 10 Feb 2019