Khumomatlhare o solofetsa tshomarelo didirisiwa tsa maranyane
10 Feb 2019
Mokwaledi mo lephateng la dikgaolo le tlhabololo magae, Rre Boipelo Khumomatlhare, a re lephata la gagwe le tlaa dira tsotlhe go sireletsa didirisiwa tsa maranyane le ditlhaeletsanyo tse di tsentsweng kwa dikoleng tse dipotlana kwa kgaolong potlana ya Mabutsane.
O buile jalo kwa moletlong wa go simolodisa semmuso mafaratlhatlha a maranyane le ditlhaeletsanyo a a tsentsweng ke khamphani ya Orange Botswana e tshwaragane le ya Botswana Communications and Regulatory Authority (BOCRA) kwa dikoleng di le lesome le boferabobedi kwa Mabutsane bosheng.
Tiro eo e ne e akaretsa go tsenya dibalamakgolo mo dikoleng, go gokela Internet, go tokafatsa mafaratlhatlha le go thapa bodiredi jwa maranyane kwa dikoleng tseo.
Rre Khumomatlhare o ne a tlhalosa fa maranyane ao a tlaa tokafatsa matshelo a batho ba metse e e thusitsweng.
A re lephata la dikgaolo le tlhabololo magae, le le itebagantseng le dikole tse dipotlana, le tlaa potlakela gore didirisiwa tseo di sireletsege.
O ne a kgothatsa batsadi gore le bone ba ithute go dirisa maranyane ao ka jaana e se a bana ba sekole fela.
Mookamedi wa ditlhaeletsanyo le diposo, Rre Itumeleng Batsalelwang a re tiro eo e supa tshwaragano e e e tiileng ya maphata a puso le a a ikemetseng ka nosi.
O ne gape akgolela barutabana le batsadi ba metse eo tirisanyo mmogo, e a reng e tshwanetse ya golela pele.
Rre Batsalelwang o ne a kopa merafe ya metse e e gokeletsweng maranyane ao go ema kgatlhanong le bogodu jwa didirisiwa tseo, bogolo jang dibalamakgolo.
A re fa ba ka di babalela di tlaa tswelela di solegela bana ba bone molemo le dingwaga tse di tlang.
E rile a tswa la gagwe, mopalamente wa kgaolo ya Jwaneng-Mabutsane, Rre Shawn Ntlhaile, a re tshimolodiso ya tiro eo ke kgato e ntle ya go bopa bokamoso jwa bana.
A re batsaa-karolo ba tshwanetse go akgolelwa tiro e e faphegileng eo, ebile tirisanyo ya bone e tshwanetse go tswelela le mo mehameng e mengwe go thusa Batswana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kehumile Moekejo
Location : MABUTSANE
Event : Moletlo
Date : 10 Feb 2019




