Breaking News

Dirisang mananeo ka botlalo

10 Feb 2019

Mothusa tona wa lephata la tlhabololo temo-thuo le dijo, Rre Kostantinos Markus, o kgaletse banni ba Poloka go nna maoto a tshupa mo go diriseng mananeo a temo-thuo.

Rre Markus o buile se mo phuthegong ya kgotla bosheng.

A re pego e a e filweng ke bodiredi jwa lephata la temo-thuo e supa gore le ba ba tsereng mananeo, ga ba a dirise sentle gore a kgone go ntsha maduo.

O tlhalositse gore bangwe ba ba thusitsweng ka dipeo ka lenaneo la ISPAAD ga ba ise ba di dirise, ka bontsi ba ise ba leme.

“Dipalo di supa gore batho ba le 118 ba filwe dipeo ka ISPAAD, mme ba le 26 ke bone fela ba go supagalang ba setse ba beile tema. Ke le rotloetsa go lema, mme le dirisa methale e e ka thusang go ntsha maduo a a nametsang jaaka go lema ka ditselana,” Rre Markus a tlhalosa.

O supile fa go na le balemi bangwe ba ba santseng ba tshwareletse mo segologolong sa go gasa peo le mororo mothale o, o sa ntshe thobo e e nametsang.

Rre Markus a re temo e botlhokwa mo matshelong a banni ba Poloka ka gore ke yone tsela e ba ka e dirisang go ntsha dijo le go itshetsa.

“Bagaetsho a re yeng masimo re e go lema re itshetse,” Rre Markus a kopa.

A re Poloka o ikadile mo lefatsheng le le nonneng, le le nang le bokgoni jwa go ntsha dijo, ka jalo a ba kopa go tsena ka mmetela mo mananeong a temo-thuo.

Rre Markus a re ba seka ba ineela ka gore nako e santse e letla gore ba ka lema.

O supile gore mo kgaolong ya bokone, e ba welang ka fa tlase ga yone, dithuso tsa lenaneo la ISPAAD di ema kgweno eno e le lesome le botlhano.

Le fa go ntse jalo, Rre Markus o supile fa phetogo ya loapi e amile paka ya pula mme seo se kgoreletsa maiteko a balemi go ntsha dijo tse di lekaneng.

A re puso e tsweletse ka go leka maano a go inola Batswana mo manokonokong a leuba.

Banni bangwe ba supile fa ba na le keletso ya go tsenya letsogo mo go nonotsheng temo-thuo, mme mathata ke di kgoreletsi dingwe. 

Rre Poitshego Molefe o supile fa a na le keletso ya go rua dihutshane mme a sa atlege mo go kopeng thuso.

Rre Tapologo Boitumelo a re ke mongwe wa ba ba tsereng dipeo mme a ise a kgone go lema ka pula e seyo.

Mme Obonetse Nkane ene a re o beile tema tse tlhano tsa mmidi le magapu mme mmidi o sa kgone go itshetlela ka pula e le boutsana.

Ba bangwe ba ba ikopetseng mananeo a temo thuo jaaka la LIMID le nyeletso lehuma ba supile fa ba tshwenngwa ke lebaka le le tsewang ba sa thusiwe.

Motshwarelela mookamedi wa ofisi ya temo-thuo wa kgaolo ya legare, Rre Moagi Sinombe, a re ke boammaruri dihutshane di palo potlana mo kgaolong ya legare mme go se motlhofo go thusa ka nako baikopedi ba lenaneo la nyeletso lehuma le LIMID.

Rre Sinombe a re peo ke setshidi, e tlhoka bokgola go ntsha maduo. 

A re mmidi ke sengwe sa dimela tse di tlhokang metsi a mantsi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaotlhobogwe Orefile

Location : POLOKA

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 10 Feb 2019