Breaking News

Mogwebi o lela ka bogodu a dikoko

07 Feb 2019

Mogwebi yo mmotlana wa dikoko tsa mae kwa Molepolole a re o tlhorontshiwa ke magodu a a utswang dikoko tsa gagwe mme seo se itse kgwebo ya gagwe go gola.

Mo potsolotsong le BOPA, Mme Noma Rapelang wa dingwaga tse di masome matlhano le bone o kaile fa a ne a thusitswe ka lenaneo la nyeletso lehuma ka Tlhakole ngogola.

A re o ne a agelwa hoko ya dikoko tsa mae ga mmogo le go tlhatlhelelwa dikoko di le masome matlhano tsa mae mme a re botshelo jwa gagwe bo ne bo setse bo fetogile a sa tlhole a le mokopi e bile a ne a setse a kgona go rekisetsa dikole tse dipotlana mo Kweneng ga mmogo le banni ba motse.

A re magodu a lepa nako e pula e nang mme ba tsene makuku go utswa dikoko.

Mme Rapelang a re o ne a begela mapodisi mme ga go ise go tshwarwe ope.

A re bogodu bo busetsa Batswana ba ba lekang go intsha mo lehumeng kwa morago.

A re magodu a tshwanetse go gagamalediwa molao.

Mme Rapelang o kaile fa dijo tsa dikoko le melemo di le turu mo go ketefalela bagwebi ba ba botlana mo dinako tse dingwe ba palelwang ke go lepalepana le malwetse a dikoko.

O kaile fa mo nakong ya gompieno dikoko tsa gagwe di sa tlhole di tsala mme a tlhoka tse dingwe.

A re ba ofisi ya matlhoko a leruo le ba boipelego ba mo eme nokeng ka go mo tlhola gangwe le gape go bona gore kgwebo e dira jang.

Mme Rapelang a re mananeo a nyeletso lehuma a mosola le gore fa Batswana ba ka nna tlhaga mo go one a ka ba ntsha mo lehumeng.

O supile fa go nna le tlhoka-kutlwisisanyo gantsi mo dikgwebong tse di kopanetsweng tsa nyeletso lehuma mme a kgothatsa botlhe ba ba akotseng mananeo go dira ka natla gore a ba solegele molemo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Jacob Obotseng

Location : MOLEPOLOLE

Event : Potsolotso

Date : 07 Feb 2019