Makhanselara a sebete se molangwana
07 Feb 2019
Makhanselara a Kgalagadi a ngongoregela madi a a neetsweng khansele ya bone mono ngwaga, ba re a tlaa ba paledisa go tsweledisa ditirelo tsa yone tsa setshaba ka fa tshwanelong.
Ba buile jaana mo phuthegong ya khansele e e faphegileng maabane, morago ga gore modulasetilo wa komiti ya madi a khansele, Rre Kemmonye Makatane a ba rolele pego ya madi a khansele.
Modulasetilo Makatane, yo gape e leng mokhanselara wa Kang Bokone, fa a rola pego eo ya kgaoganyo ya madi a a tshwarang P209.9 million a ngwaga wa 2019/2020, o supile fa madi a a fokotsegile fa go tshwantshanngwa le ngwaga wa 2018/2019, ka madi e ne e le P212.1 million.
Fa a akgela, mokhanselara wa Tsabong Bokone, Rre Mock Ntau o ne a supa fa ditirelo dingwe tsa khansele di tlaa salela kwa morago.
O ne a fa sekai ka madi a a neetsweng ba boipelego, a selekanyo sa P 21.5 million, a re ga a na go lekana ba ba tlhokomelwang ke khansele ba akaretsa batlhoki le bana ba dikole ba RADP, ka e bile ngwaga ono e le wa leuba le ntswa lekalana leo le nnetswe madi a a fetang a maphata otlhe.
Rre Ntau o ne gape a ngongorega ka boitseme jo bo dirwang ke badiri bangwe ba khansele, ka go tlhoka go duela lekgetho la dikoloi ka nako kwa lephateng le dipalamo le ipabalelo tseleng, mme seo se dire gore ba duele melala, selo se a reng se babalela khansele.
Mokhanselara wa Werda, Rre Hendry Louw o ne a kopa boeteledipele go tsibogela seemo sa ditsela tsa Makopong-Werda le Tsabong–Maleshe gare ga tse dingwe.
A re seemo ga di a siama, ka jalo di baya badirisi ba dikgaolo tseo mo diphatseng.
Mokhanselara wa Bogogobo /Kolonkwaneng, Rre John Lentshikang o ne a supa fa lekalana la boipelego le tshwere phage ka mangana, ka batlhoki ka ba kwadisiwa kgapetsakgapetsa le gore melelo e e tlhagang mo metseng le yone ba thusa ba e ba amileng.
Mokwaledi wa khansele ya Kgalagadi, Mme Baipelelang Photlhokwe fa a akgwa makhanselara dikgaba o ne a supa fa khansele e sa tshwanela go tlhokomela batlhoki botshelo jotlhe, ka ba tshwanetse go tla ka maano a go itshetsa le go aloga mo botlhoking gore ba bangwe ba ba tlhokang jaaka bone ba kgone go bona dithuso tseo.
Mme Photlokwe a re maikaelelo a bone e le khansele ke go netefatsa gore madi a dirisiwa ka pabalesego.
A re keletso ya bone e le boeteledipele ke gore maphata a dirisane, segolo bogolo ka go tlhakanela dikoloi.
A re se se ka fokotsa madi a a dirisiwang ke khansele mo lookwaneng le go baakanya dikoloi.
Mme Photlokwe o ne a gakolola phuthego gore ntswa letseno le le lennye, ke maikarabelo a botlhe ba ba amegang go netefatsa fa a dirisiwa sentle gore ditirelo tsa khansele di tswelele ka go goroga kwa Batswaneng ka nako.
O ne gape a supa fa khansele e sa ntse e kolotwa madi a mantsi, selo se a reng se paledisa khansele go isa ditirelo kwa Batswaneng ka fa go tshwanetseng ka teng.
Le fa go ntse jalo, makhanselara mangwe ba ne ba bolela fa khansele e tshwanetse go itirela letseno ka seo se ka thusa mo go fitlheleleng kwa maitlamong a bone a go neela setshaba ditirelo.
Ba boletse fa bone e le baeteledipele ba tshwanetse go tsibogela dikgakololo tse di tswang kwa dikomiting tsa ditlhabololo ka bofefo, ka gore go tlhoka go dira jalo go felela go lopa khansele madi a mantsi mo tsamaong ya nako. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Phuthegong ya khansele
Date : 07 Feb 2019




