Tiego ya ditlamelo e ngongora kgosi
07 Feb 2019
Go diega ga ditlamelo jaaka kgokelo ya metsi le motlakase mo ditsheng tse disha kwa Lephepe go kgoba banni bangwe marapo go tlhabolola ditsha tsa bone.
Matshwenyego a, a ntshitswe ke Kgosi Nkongwane Rantho mo potsolotsong le BOPA, a supa fa go diega ga ditlamelo kwa motseng wa gagwe go dirwa ke go bo ba le kgakala le bodiredi mme tomagano e seyo.
A re bontsi jwa batho ba ba abetsweng ditsha ba na le keletso ya go aga ka ba setse ba tshetse motlhaba le go tsenya terata mme ba kgojwa marapo ke go bo fa ba beilweng teng go sa gokelwa metsi le motlakase.
Kgosi Rantho o supile fa tiego e nngwe e le ya lenaneo la nyeletso lehuma. A re banni bangwe ba sale ba kopile dihutshane mme le jaana.
O ne gape a ntsha matshwenyego ka boitseme jwa banana ba a reng ga ba inaakanye le mananeo a puso go intsha mo lehumeng ba ipeile fela mo go hirweng.
A re se se rotloetsa botlhoka tsebe. A re batsadi ga ba tsenye letsogo mo go kgalemeng mekgwa e e maswe jaaka go goga motokwane.
Kgosi Rantho a re majalwa a a rekisiwang mo motseng ke one a rotloetsang botlhoka tsebe jwa banana.
A re gangwe le gape o bitsa diphuthego tsa kgotla go leka go kgalema banana gore ba fetole maitsholo mme bangwe batsadi ba santse ba bipa mpa ka mabele fa bana ba bone ba amega mo dikgannyeng tsa botlhoka tsebe.
Kgosi Rantho a re ba na le dingwaga di le tharo ba tlhorontshiwa ke bommamathwane ba ba robalang mo diofisi tsa kgotla mme ba tlogele monko o o maswe.
A re ba ikuetse makgetho a le mantsi mo go ba ba maleba mme ga go nko e tswang lemina. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Jacob Obotseng
Location : LEPHEPE
Event : Potsolotso
Date : 07 Feb 2019




