Breaking News

Tiro ya diatla e ka ogola basha

07 Feb 2019

Mmereki wa pele wa khamphani ya Byrite Botswana, Rre Edward Botiki o rotloeditse banana go inaakanya le tiro ya diatla ka e le bogadi bo gaufi go ka ba namola tlala le letlhoko la ditiro.

Fa a bua mo potsolotsong le BOPA, Rre Botiki, yo e leng mongwe wa bagwebi ba babotlana ba  tiro ya diatla kwa Lotlhakane East mo kgaolong ya Borwa, a re tiro ya diatla e ka nowa moro fa e tsewa ka tlhoafalo  gape e ka thusa go godisa itsholelo ya lefatshe leno.

Rre Botiki a re banana ba lefatshe le ka bontsi ba aloga ngwaga le ngwaga mme ba tlhoke kwa ba yang teng, a tlatsa ka go re ba eme ka dinao ba itlhamele ditiro ka diatla tsa bone.

Rre Botiki yo o dingwaga di masome mane le boraro a re e ne ya re morago ga go kokonelwa ke letlhoko la tiro a nna fatshe a ja tlhogo mme a tswa ka methale ya go itlhotlhorang lehuma mme o ne a simolola kgwebo ya go betla.

O tlhalositse fa kgwebo ya gagwe e a e simolodisitseng dingwaga tse tlhano tse di fitileng e itebagantse le go dira malao, go apesa ditilo ka matsela, go dira ditafole, digaretene le tse dingwe.

Botsipa jwa go betla o bo amule kwa khamphaning e a neng a thapilwe mo go yone ya Byrite Botswana kwa Tlokweng, kwa a neng a le mokgweetsi mme a felela a tsenya diatla go thusa babereki ka ene e bo e le jaaka lorato lwa tiro eo lo gola.

O boletse fa kgwebo ya go betla e tsisitse diphetogo mo botshelong jwa gagwe ka a kgona go itshetsa le ba lolwapa lwa gagwe le ntswa go na le dikgwetlho di tshwana le go reka didirisiwa tsa kgwebo kwa Gaborone kwa ditlhwatlhwa di botoka teng, le go nna teng ga didirisiwa, le mororo a babalelwa ke sepalamo ga mmogo le go tlhoka go nna teng ga mmaraka o o tshephafalang.

A re o eletsa go bona kgwebo ya gagwe e godile e le yone e batho ba e ikanyang, mme o rotloeditse banana ba ba inaakantseng le dikgwebo go nna pelokgale.

O ne a gwetlha banana ba ba maoto a tshupa go inaakanya le mananeo a puso go inamola lehuma.

O ne a wetsa ka go kgothatsa banana go nna le mowa wa tsholofelo ka dinako tsotlhe fa ba kopana le dikgwetlho, ka fa ba ka tshegetsa dilo tseo, di ka nonotsha dikgwebo tsa bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Khumoyame Laetsang

Location : Lotlhakane East

Event : Potsolotso

Date : 07 Feb 2019