Mananeo a puso mangwe a thulana golo gongwe
06 Feb 2019
Balemi-barui bangwe kwa kgaolong ya Serowe Borwa ba ntshitse mogopolo wa gore lenaneo la Ipelegeng le tswalelwe ka nako ya temo ka gore batho ba phaka dipeo le menotshane ba bo ba ya magaeng ba ya go bereka Ipelegeng.
Mogopolo o, o dule mo diphuthegong tsa kgotla tse di neng di buisiwa ke mopalamente Dr Pelonomi Venson-Moitoi.
Kwa kgotleng ya Manonnye, Rre Ntesang Ntsesang a re magosogoso a madi a tsena ka lenga la seloko ka bontsi bo phaka dipeo, menotshane e bile ba lemelwa mahala mme go tswa foo ba bo ba phuaganya masimo.
Rre Ntesang o tlhalositse fa ba tsaya dilo tseo ba di baya kwa masimo ba bo ba di tlogela ba laela beng ba diterekere gore dipeo di kwa masimo ba ye go lema ba le nosi bone ba theogetse mo Ipelegeng.
O dule ka mogopolo wa gore ka nako ya letsema, batho ba rebolwe ba ye go lema ba tlhokomele masimo.
A re le fa ba sena go lema ga ba na sepe le masimo a bone, ga ba tlhagole, ga ba lete diji le leruo le a senya ka ba abo ba seyo go tlhokomela.
O boletse fa dikgang tsa leruo le le senyang mo masimo di diega gore mong a atlholwe. Balemi-barui ba atlile mogopolo wa gore molao wa bogodu jwa leruo o gagamadiwe gore magodu a leruo a gagamale diphogwana.
Kgosana Mokgabung Setimela wa Mogorosi o kopile gore go busediwe omang wa dikgomo ka a ne a le botoka mo go laoleng bogodu jwa leruo.
A re go rwesa manyena ga go na mosola ka magodu a kgaola tsebe ya kgomo e bile go le ntsha go se thata.
O ngongoregile gape ka ditsheko tsa leruo tse di sekelwang kwa lekgotleng la ga mmakaseterata, a bolela fa magodu a tswa fela ka gore ba batla ba bueledi le mororo barui ba thota ba itse leruo leo.
A re go emela tsheko kwa ntle le gone go bosula ka gore bone babelaelwa bao ba nna ba utswa.
Gape a re go makgetho a mantsi ba ba bona ba emetse tsheko kwa ntle ba ikgantsha.
“Ditsheko tsa leruo di tshwanetse go sekelwa mo makgotleng a Setswana ka ke one a itseng Setswana sentle,” Rre Setimela a tlhalosa.
Dr Venson-Moitoi o ne a etetse kgaolo ya gagwe go ba itsese fa jaanong a sa tlhole e le tona, jaanong e le mopalamente fela. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : Serowe
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 06 Feb 2019




