Breaking News

Molebatsi o rotloetsa tlhokomelo ya noka

06 Feb 2019

Mopalamente wa Mochudi Botlhaba, Rre Moagi Molebatsi o kopile morafe wa Sikwane go tlhokomela noka ya Madikwe ka e ka ngoka bajanala le go tsosolosa itsholelo.

Fa a bua kwa phuthegong ya kgotla kwa Sikwane bosheng, mopalamente o tlhalositse fa boeteledipele bo eme nokeng kgosi le banni ba metse ya dinokeng go sireletsa noka.

A re go tlaa dirwa matshwao a a kgalemang go leswafatsa noka mo tseleng e e yang koo go tlhagisa badirisi ba yone ka bodiphatsa jwa go e leswafatsa.

A re le fa go na le bangwe ba ba nang le mokgwa wa go ikgatholosa matshwao a a mo ditseleng, ba tlaa tswa ka ditsela tse di ka dirisiwang go supa tlhwatlhwa ya noka mo matshelong a bone.

Mopalamente Molebatsi a re noka e botlhokwa ka e ka ngoka ba mafatshe a sele mme le bone ba ka e dirisa mo go tsa temo.

O kopile banni ba dinokeng go ikanya temo-thuo ka e ka tsisa pharologanyo mo matshelong a bone.

A re banni ba tshwanetse go nna le tirisano mmogo gore ba kgone go atlega mo go tse ba di dirang.

O boleletse banni fa e le nako ya gore ba nne le botsalano le babeeletsi gore ba kgone go ba thusa mo temong le gore ba ipope ditlhopha gore masimo a bone a agelelwe gore ba kgone go a hirisetsa babeeletsi fa bone ba ise ba a dirise.

A re go botlhokwa go dirisa lefatshe fa o na le lone go na le go le rekisa ka bangwe ba dirisa madi botlhaswa mme ba palelwe ke go itshetsa.

O kopile banni ba ba nang le masimo mme ba sa a dirise gore ba a adime ba ba nang le kgatlhego ya go a dirisa.

Mopalamente o tlhalositse fa e setse e le nako ya gore balemi ba nosetse gore ba kgone go ntsha ditema tse di bonalang.

A re go maleba mo nakong ya gompieno go lema dijo tse di bogadi bo gaufi jaaka dinawa ka seemo sa loapi se sa itsagale.

Mopalamente o kopile banni gore fa ba hirisa masimo jaaka bangwe ba setse ba dira kwa Mmathubudukwane, go botlhokwa gore ba ithute se bahiri ba se dirang gore le bone mo nakong e e tlang ba kgone go itirela.

O tlhalositse fa go setse go na le babeeletsi ba ba supileng kgatlhego mo ditshimong dingwe go lema di-avocado le di-olive go rekisetsa mabentlele.

Fa a rolela mopalamente ka tsa komiti ya ditlhabololo ya motse, modulasetilo, Mme Kgomotso Radibe o lebogetse mananeo a puso a nyeletso lehuma le Ipelegeng ka a dira sentle kwa motseng oo.

O kopile gore bagolwane ba Ipelegeng ba iphe nako go lekola le go sekaseka lenaneo leo gore le dira jang.

A re ke nako ya gore go sekasekwe kgolo ya poso ya Sikwane ka e le yone e thusang banni botlhe ba dinokeng mme e le potlana.

Mme Radibe o tlhalositse fa ba tlhabolola ntlo lehalahala ya Sikwane.

Fa ba akgwa mopalamente dikgaba, Rre Mabuse Pule o lebogetse mafoko a mopalamente a go ba kgothatsa go tshwaragana.

A re mogopolo wa temo ke mogopolo o montle mme o ka felela o paletse ba le mmalwa ka mabaka a tsela ya Modipane e e sa siamang mme go ba tlama go tsena ka Mochudi go fitlha kwa dinokeng.

O kopile mopalamente go isa kgang ya tsela ya Modipane kwa palamenteng.

Rre Joel Molatlhegi o kopile gore go tsenngwe dipone tsa mekgwatha mo motseng ka madi a dikgaolo tsa botlhophi go lwantsha masula a a diragalang mo motseng. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Miranda Mapotsane

Location : SIKWANE

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 06 Feb 2019