Breaking News

Ganagagabo o dirisa dikitso go itshetsa

06 Feb 2019

Batswana bangwe ba amogetse mafoko a a reng ‘metlhala ya khumo e mentsi e tlhoka balati’, mme ba a dirisa e le seikokotlelo sa go inamola mo lehumeng.

Boshale Ganagagabo (50) wa Gakgatla kwa Mokwena ke mongwe wa Batswana bao.

Mme Ganagagabo o tlhalositse fa e ne ya re a lemoga fa tlala e tsena ka lapa la gagwe, a tlelwa ke mogopolo wa go dirisa dikitso tse a di amleng kwa thuto ga e golelwe tsa go loga dilwana di akaretsa dihutshe, dibeke le mealo a dirisa sekhakha.

Mo potsolotsong le BOPA, Mme Ganagagabo, yo e leng moithuti wa ga e golelwe, mme e bile a tlaa bo a kwala ditlhatlhobo tsa lekwalo la bosupa monongwaga, o tlhalositse fa a simolotse go loga ka 2017, morago ga go anywa botsipa kwa ga e golelwe.

O tlhalositse fa a ne a tlhopha go loga a dirisa sekhakha se se dirisitsweng e le tsela nngwe ya go farologana le balogi ba bangwe ba a phadisanang le bone, e bile gape e le tsela nngwe ya go fokotsa ditshenyegelo ka jaana sekhakha se bonala motlhofo, le go somarela tikologo.

O boletse fa a ne a tiisiwa moko ke go tsaya maemo a boraro mo dikgaisanyong tsa dithoto tse di dirilweng ka didirisiwa tse di buseditsweng mo tirisong kwa ditshupong tse di neng di rulagantswe ke ba lephata la ga e golelwe ka 2017 kwa Palapye.

Mme Ganagagabo a re le ntswa kgwebo ya gagwe e mo tlodisa melatswana, o santse a lebanwe ke letlhoko la mmaraka ka jaana a nna mo motsaneng o o santseng o fatlhoga, mme e bile a lebaganwe ke phadisano e e mashetla ya balogi ba ba mo fetang ka botsipa jwa go loga le go ipapatsa.

A re kgwetlho e nngwe ke ya go tlhoka go bonala motlhofo ga mofuta wa sekhakha se a logang ka sone, se a kaileng fa se dirisiwa go phuthela ditena, se se bonalang sentle kwa metseng e e kgakala e tshwana le  Molepolole le Thamaga.

E re le mororo a lebaganwe ke dikgwetlho, o tlhalositse fa a sa ipone tsapa ka gone go solofetsa.

A re ba lephata la ga e golelwe ba ba tsamaisa tshipidi, ka ba dirile dithulaganyo le ba LEA go ba isetsa dithoto go ya go di supa le go di bapatsa kwa marekisetsong a magolwane kwa Molepolole mafelo a kgwedi nngwe le nngwe, kwa a reng dipoelo di botoka teng. BOKUTLO

 

 

Source : BOPA

Author : Tshepang Segola

Location : Gakgatla

Event : Potsolotso

Date : 06 Feb 2019