Breaking News

Ba Etsha ba lela ka seemo sa loapi

06 Feb 2019

Balemi ba metse ya Etsha  mo kgaolong ya  Okavango ba re seemo sa phetogo ya loapi se ba baya ka fa mosing.

Ba re e re ba ntse ba sa jesiwe diwelang ke ditlou tse di ba tlhorontshang kwa masimo, jaanong seemo sa phetogo ya loapi le sone go lebega se tlaa ba okeletsa kutlobotlhoko.

Ba supile matshwenyego a bone mo potsolosong le BOPA bosheng, ba re ba ne ba dirile maiteko a go ipeela ditemanyana.

Mongwe wa balemi bao, Rre Mpepisang Tuyereke a re mo nakong ya gompieno ba setse ba babalelwa ke seemo seo ka jaana ba patelesega go lema morago ga nako.

A re e re bangwe ba kgobegilwe marapo ke letshwenyo la diphologolo, bogolo  jang ditlou, o belaela fa bontsi jaanong bo tlaa latlhegelwa gotlhelele ke kgatlhego mo temong.

Banni ba Etsha ke bangwe ba ba ikaegileng ka temo-thuo le go loga ditlatlana, mme Rre Tuyereke a re botlhoki bo tlaa golela pele mme seo se imele puso.

Rre Tuyereke yo gape e leng mokhanselara wa kgaolo eo, o supile gape fa maloba go ne go sena diphologolo tse dintsi, jaanong  ditlou di oketsegile ka dipalo tse di tshosang.

“Merafe e mengwe e e tshwanang le Baherero ba ne ba kgona go reka lebelebele la rona ka dikgomo ka jaana bone ba ratile go rua thata,” a tlatsa jalo.

A re ka nako eo go ne go sena motlhoki ka jaana bontsi bo ne bo itse fa motswedi wa botshelo e le temo e bile gape mowa wa go abelana o rena.

Mogolwane mo lephateng la temo-thuo, Rre Kenneth Mabote o ne a paka gore banni ba Etsha ke batho le temo, bogolo jang ya lebelebele.

O supile fa lebelebele le le bogadi bo gaufi le mo nakong ya gompieno ya loapi lo lo sa iketlang.

O gakolotse balemi go ikopanya le balemisi go kopa dikgakololo tsa gore ba ka lema eng mo nakong eno, a tlatsa ka go re ke boammaruri temo ya gompieno ga e tshwane le ya pele, ke ka moo go leng botlhokwa gore balemi ba dirisane le ba ofisi ya temo-thuo.

E re dikgang di eme jalo, mogokaganyi wa lephata la diphologolo, Rre Timothy Blackbeard o rurifaditse fa ba itemogetse koketsego ya diphologolo, bogolo jang ditlou mo kgaolong eo.

A re ba ne ba etela metse ngwagatlola go ruta morafe ka bomosula jwa go tshela le diphologolo kwa masimo, e le tsela ya go fokotsa kgotlhang fa gare ga batho le diphologolo.

Rre Blackbeard a re ke boaamaruri phetogo ya loapi e dirile gore balemi ba leme morago ga nako mme seo se raya gore ba ya go roba ka nako e ditlou di tlaa bong di saila le naga mme seo se bake kgotlhang.

O supile fa maiteko a dirilwe go ruta balemi ka methale ya go koba ditlou mo masimo jaaka go dirisa tloloko ya dikgomo kana dithini di hakisitswe mo terateng kgotsa legora go dikologa tshimo.

A re balemi gape ba ka dirisa pherefere e e kopantsweng le kirisi kana boloko.

O kopile balemi go dirisa methale eo gore ba kgone go nna le thobo e e botoka. A re mo metseng e tshwana le wa Beetsha methale e e ntsha maduo. BOKHUTLO

 

 

Source : BOPA

Author : Keswetseng Samokunda

Location : ETSHA

Event : Potsolotso

Date : 06 Feb 2019