Kgagaripa o bapatsa Botswana
06 Feb 2019
Sekgantshwane sa dikhwaere Rre Gaone Kgatsele yo o itsegeng ka leina la Kgagaripa mo go tsa moopelo, o buile gore mangwe a maikaelelo a gagwe ke go bapatsa Botswana le mmino wa setso.
Rre Kgaripa a re ka jalo e tlaa re ka Moranang a ye go diragatsa kwa Afrika Borwa kwa moletlong wa 1st Annual Ratlou Cultural Show le wa Merwalo e thata puo phaa Cultural Festival.
A re gape o ya go diragatsa kwa moletlong wa ngwao kwa Lesotho.
Mo potsolotsong le BOPA, Rre Kgagaripa yo o tlholegang kwa Lokgwabe, a re o godile a rata kopelo, bogolo jang mmino wa dikhwaere le borankana.
A re le kwa sekoleng o ne a le mo mekgatlhong ya mmino le kopelo mme e rile morago ga go fetsa mophato wa botlhano, a lemoga fa a na le bokgoni jwa dikoma.
A re o ne a seka a ipona tsapa mme a diragatsa talente ya gagwe.
Rre Kgagaripa o tlhalositse gore o ne a binela sekgantshwane sa mmino wa setso Ditiro Leero.
“Ke ithutile go le gontsi mo go ene, thotloetso ya gagwe e ne ya nkgwetlha gore ke ikemele ka dinao, ke dirise bokgoni jwa me go itsenya dijo ganong ka ke ne ke sa dira sentle mo dithutong.
Ke ne ka lemoga gore fa o batla go diragtsa toro ya gago mo botshelong, o tshwanetse go tsaya tshwetso nako e sale teng e sere gongwe wa thanya lo le tsebeng,” a tshwaela jalo.
O tlhalositse gore o ne a binela gape setlhopha sa borankana sa Tsosa Ngwao sebakanya mme a se tlogela a ikemela ka nosi.
Ka 2014, Rre Kgagaripa o ne a ntsha kgatiso ya ntlha e e bidiwang Thupa Yame e mo go yone go nang le dipina di fera bobedi e bong Lefatshe, Meshele, Thupa yame, Emmanuel, Ditsala, Ramasedi, Kgolegelo le Nkgolole.
A re dipina tse tsotlhe di bua ka botshelo.
O tlhalosa fa Lefatshe e bua ka di-tsa tlholego tse Batswana ba tshwanetseng go ipelafatsa ka tsone jaaka diphologolo le makgabisa naga.
O tlhalositse gore pina e e gatelela tshomarelo di-tsa tlholego gore dikokomane di di fitlhela.
“Ditsala tsame e bua ka nna, e tlhalosa gore batho e nna ditsala tsa gago fa go le monate mme fa go le botlhoko ba a go phuaganya.
Go botlhokwa go itse fa bangwe e le bafeti le tsela fa bangwe e le ditsala tsa sennela ruri tse di ka go isang golo gongwe.
Ka jalo ke gwetlha banana go tlhopha ditsala tsa nnete gore ba seka ba tshwana le nna ba phuaganngwa ke ditsala fa go nna botlhoko.”
Kgagaripa a re kgatiso eo e ne e kwalwa ke ene a e tshwaraganetse le Katlego Tau yo o itsegeng ka leina la Kalahari, ya gatisiwa ke Rre Bullet Ketshabile kwa Bullet Music Production mo Gaborone.
Sekgantshwane se, se e leng moruti wa kereke ya The Heroes of God Apostolic, se tlhalositse gore kgatiso eo e ne ya gasama lefatshe ka bophara, Batswana ba supa fa ba kgatlhegela kopelo ya gagwe mme seo sa mo tiisa moko.
E rile ka 2016, a ntsha kgatiso ya bobedi ya Go marara e mo go yone a berekileng le Nkatlang Maikano yo o itseging ka leina la Spekere.
Kgatiso eo yone e ne e bua ka matlhotlhapelo a a diragalang kwa Mmathethe ka ntata ya semorafe.
A re bontsi jwa dipina mo kgatisong eo di kgothatsa banni ba motse oo go itse fa Modimo e le ene tharabololo ya sengwe le sengwe le gore semorafe se tsisa dintwa le tshenyo.
Rre Kgagaripa a re o akgolela Rre Ketshabile go nna mongwe wa barotloetsi le bakgothatsi ba gagwe.
“Ke kgonne go itirela dilo di le mmalwa mo botshelong.
Ke na le setsha le koloi ka ntlha ya dikoma.
Ka jalo ke rotloetsa banana ba ba nang le bokgoni jwa kopelo go itse fa kopelo e ka nowa moro fa motho a na le maikaelelo le maikemisetso a phenyo,” a tlhalosa jalo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : GABORONE
Location : GABORONE
Event : Interveiw
Date : 06 Feb 2019




