Ditiro dingwe di seegetswe Batswana
05 Feb 2019
Mopalamente wa Lerala/ Maunatlala Rre Prince Maele a re puso e seegetse fa thoko dikgwebo dingwe gore Batswana e nne bone fela ba di akolang.
A re dikgwebo tse ke tse di tshwanang le matlo a borobalo, go kampa le gone go bontsha bajanala diphologolo.
Rre Maele o buile jaana fa a lekodisa banni ba kgaolo ya gagwe ka pego ya botsogo jwa setshaba e e neng e begwa ke Tautona Dr Mokgweetsi Masisi ngogola.
A re Tautona Dr Masisi o ne a supa mo pegong ya gagwe fa Batswana ba seyo mo dikgwebong tsa bojanala.
Ka jalo a re palamente e ne ya dira gore go nne le dikgwebo tse batswakwa ba ka sekeng ba tsene mo go tsone.
Rre Maele a re Tautona Dr Masisi o ne gape a supa fa a tshwenyegile ka kgang ya manyalo a a dirwang kwa dikerekeng le a a dirwang ke dikgosi. O supile fa manyalo ao a tlhokana le gore e tsenngwe mo bukeng ya manyalo.
A re bangwe ba felela ba amogwa dithoto mme ba nyalane, e bile le batsadi ba itse. A re go tsenngwa ga manyalo mo bukeng ya manyalo go tlaa thusa gore go nne le bosupi jwa gore batho bao ba nyalane.
A re Tautona Masisi a re go tlhokana le gore go dirwe molao o o itebagantseng le go bitsa ngwana leina le gone go fetola leina.
Rre Maele a re molao oo, o tlaa fa dithata yo o kwadisang maina gore a kgone go gana fa motsadi a raya ngwana leina le le sa siamang.
O boletse fa kgang e nngwe e le ya go fetola leina. A re motho yo o batlang go fetola leina o tlaa letlelelwa go dira jalo, mme go etswe tlhoko dikgang tsa ba ba batlang go fetola maina go dira tse di duleng mo tseleng kana ba kile ba di dira.
A re molao o mongwe o o tlaa dirwang ke palamente ke o o itebagantseng le melato ya tlhakanelo dikobo.
A re molao oo, o tlaa bo o itebagantse le batho ba ba betelelang. A re molao o tlaa tsenya dikgang tsa dipetelelo le tlhakanelo dikobo le masika. A re ba ba dirang melato e ba tlaa tsenngwa mo bukeng ya badira melato, e e bidiwang Sex Offenders’ Register.
Mo kgannyeng e nngwe a re Tautona Masisi o ne gape a bolela fa a tshwentswe ke letlhoko la ditiro, mme a kopa gore palamente e dire National Employment Policy, e e tlaa thusang go bona gore go ka dirwa jang go direla Batswana ditiro, bogolo jang banana.
Rre Maele o ne a itsese banni fa palamente e dumalane gore go okediwe dikotlhao tsa bogodu jwa leruo. A re go le pele e ne e re motho a bonwa molato wa go utswa leruo a bo a atlholwa dingwaga di supa, mme e re a boelela di bo di nna some.
A re fa motho e le gone a utswang leruo, o tlaa atlholelwa dingwaga tse di lesome le bobedi mo kgolegelong, mme fa a ipoeletsa e nna dingwaga tse di lesome le botlhano. A re molao oo o bua gore tse di amanang le bogodu jwa leruo di tshwana le dikoloi le ditlhobolo se tlaa gapiwa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : LERALA
Event : Kgotla meeting
Date : 05 Feb 2019




