Breaking News

Ba tshwenngwa ke dikgotlhang tsa batsadi le bana

05 Feb 2019

Kgosi Motshegetsi Bakwena wa kgotla ya Lekgwapheng kwa Molepolole a re o tshwenngwa ke dikgotlhang magareng ga batsadi le bana kwa kgotleng eo.

O boletse jaana mo potsolotsong le BOPA mo bosheng, a tlhalosa fa bana ba ba tlhorontshang batsadi ba akaretsa ba ba tsenang le ba ba feditseng sekole.

Kgosi a re ga go na letsatsi le le fetang go sena motsadi yo o tsileng go ikuela ka ntata ya go tlhoka go nna sentle le ngwana.

Kgosi Bakwena a re bana ba kgokgontsha batsadi  ka go tlhoka tsebe.

A re bangwe basetsana ba kgona go lala nageng ba tlogetse batsadi le masea.

O ne a bolela fa bana ba basimane bone ba inaakanya le nnotagi mme e re ba tswa koo ba tlhokele batsadi botho ka dipuo tse di botlha.

A re dinako tse dingwe batsadi ba fa bana ba basetsana ntlo mo lapeng mme ngwana a bo a tla ka mokapelo gore ba tle go nna mmogo, ntle le tumalano ya batsadi.

O boletse fa bana ba basimane ba felela ba talela bommamosetsana mo ba atleng ba ba gogele fa pele ga lekgotla.

Kgosi Bakwena o kopile banana go bala molao o o reng ‘tlotla mmaago le rraago gore malatsi a gago a botshelo a a okediwe’.

O bile a bolela fa go simolola ka Hirikgong go tsena Sedimonthole ngogola ba nnile le dikgang tsa mohuta oo di le makgolo mane.

“Mo kgweding ya Hirikgong e le malatsi a le lesome le bosupa, ke amogetse dingongorego di le nne go tswa mo batsading ba ba farologaneng mme kgang kgolo e le boganana,” a tlhalosa jalo.

E re go le jalo, Kgosi a re bana bangwe e a re morago ga go tlhokafala ga motsadi mongwe wa bone, ba gogele yo ba setseng nae fa lekgotleng ba re ba batla boswa.

O kopile banana go itse fa molao wa tlhakanelo dithoto o ofa motsadi yo o setseng marapo a go tlhokomela dithoto tsotlhe le gore bana ba ka bona boswa fela fa batsadi ba tlhokafetse botlhe.

O ne a bolela fa go sena ngwana ope yo o kileng a tla mo kgotleng ya gagwe a tla go ngongorega ka motsadi.

Mo go tse dingwe, kgosi a re dikgang tse dingwe ke tsa go boela morago tshepiso ya lenyalo mo go dirwang ke baratani bangwe.

O tlhalositse fa batho ba nna dingwaga tse di ntsi ba sa nyalana, mme ba thusana botshelo, ba tshole bana mmogo le go ipatlela ditsha mmogo.

A re bone e le lekgotla ba tsaya batho ba ba ntseng sebaka se se kalo jaaka banyalani, ke sone se e reng fa mongwe wa bobedi jo a ka tlhokafala, ba seke ba letlelele batsadi go ka nna le tshwanelo ya dithoto tse di kgobokantsweng.

A re batsadi ba kgona go bolotsa ntwa e e matlho mahibidu phularong ya mongwe wa baratani ba bo ba itatole fa ba itse yo o setseng.

A re o rarabolola kgang e gantsi ka go botsa gore, a e rile mosetsana a imile ga go aka ga isiswa mafoko mme fa a ne a isiwa go supa fa mosetsana a itsiwe. BOKHUTLO

 

 

Source : BOPA

Author : Sylviah Disele

Location : MOLEPOLOLE

Event : Potsolotso

Date : 05 Feb 2019