Breaking News

Go tshuba dibeela go botlhokwa

05 Feb 2019

Go ikgatholosa ngwao ya go tshuba dibeela go baakanyetsa pula ka paka ya temo go na le seabe mo go tlhokeng pula mo lefatsheng.

Mafoko a, a boletswe ke Mme Idah Lecha wa Tati Siding mo potsolotsong le BOPA bosheng.

Mme Lecha yo o dingwaga di masome a marataro le bone o tlhalositse gore bogologolo e ne e re ka dinako tsa dipula, kgosi a bolotse letsholo gore morafe o tsamae le naga go tshuba dibeela.

O tlhalositse gore dibeela ke sepe fela se se mo nageng se se ka kganelang pula go na, jaaka dikgoropa tsa leruo le le suleng, kana sepe fela se go dumelwang se ka kganela pula.

A re morago ga go kgobokanngwa di ne di tshubiwa e le tsela ya go baakanyetsa letsema.

O tlhalosa gore mo letsatsing la go tshuba dibeela le le neng le tlhongwa ke kgosi, morafe o ne o tsaya karolo go sena ope yo o salelang kwa morago.

Mme Lecha a re fa go sale go latlhaganngwa  thulaganyo e ya ngwao dipula di ngotlegile, mme se sa tsisa leshekere mo setshabeng.

O kaile fa go le botlhokwa go tsosolosa ngwao e ya go tshuba dibeela gore dipula tsa medupe di ne mme balemi le Batswana ka kakaretso ba obe letsogo.

Ntle le jalo, Mme Lecha a re leshekere le le tsweletseng ka go anama le lefatshe le, le tlaa phimola lesika loo motho. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Bulukani Hubona

Location : TATI SIDING

Event : Kgotla meeting

Date : 05 Feb 2019