Ba abela bana ba Lempu mesangwana
05 Feb 2019
E rile bosheng badiri ba lephata la makgotla a Setswana ba abela bana ba sekole sa Lempu kwa Salajwe mesangwana ya basetsanana e e fetang makgolo a mane.
Mogolwane kwa lephateng la makgotla a Setswana Mme Malebogo Mokotedi o ne a supa fa ba ne ba batla go fa ngwana wa mosetsana seriti gore a seka a palelwa ke go ya sekoleng ka malatsi a setswalo.
Mme Mokotedi o tlhalositse fa e rile ngogola kwa bokopanong jwa bomme rre mongwe a ba gakolola fa go na le bana ba ba kgonang go tlhoka go ya sekoleng ka ntlha ya go tlhoka se ba itshireletsang ka sone, mme lephata lotlhe la tsaya tshwetso ya go kgobokanya ma P20 mongwe le mongwe gore ba kgone go thusa.
O tlhalositse fa ba ne ba tlhopha sekole sa Lempu ka jaana se le mo motseng o o kgakala le ditlamelo, gape bontsi jwa bana ba nna mo sekoleng kgakala le batsadi ba bone.
Mogokgo wa sekole se segolwane sa Lempu, Rre Molatlhegi Thekiso o ne a supa fa sekole sa gagwe se na le bana ba le makgolo a roba bobedi le bobedi, basetsana ba le makgolo a mane le bobedi le basimane ba le makgolo a mane.
Mogokgo o tlhalositse fa basetsana ba le makgolo a mararo, masome a mabedi le borobababedi ba nna mo sekoleng fa ba le masome a supa ba nna kwa motseng.
O tlhalositse fa mpho e e le tshegofatso ka jaana e tlaa thusa bana ba ba nnang kgakala le batsadi, a tlatsa ka go supa fa bontsi jwa bana bao e le batlhoki.
Rre Thekiso o tlhalositse fa mpho e thusa ngwana, motsadi le yone khansele, a supa fa ngwana wa mosetsana a le botlhokwa mo setshabeng mme o ka seke a ithuta sentle fa a se mo seemong se se siameng.
O boletse gape fa mpho eo e tlaa dira gore basetsanyana ba sosologe, le gone go fokotsa go lofela sekole.
Mogolwane go tswa kwa lephateng la boipelelgo, Rre Elliot Sebikiri o ne a supa fa bana ba sekole sa Lempu ba tswa mo metsaneng e e thusiwang ke khansele le mo merakeng.
O supile fa khansele e efa bana bao melora go akarediwa le yone mesangwana, a bo a kopa bana go dirisa mesangwana eo ba kanotse dihuba ka e le mpho e e botlhokwa.
Rre Sebikiri o tlhalosiste fa go tsena mo setswalong e se bolwetse, mme e le tlholego, a supa ngwana a sa tshwanela go lofela sekole ka ntlha ya gore o mo setswalong.
O tlhalositse fa letlhoko la kgaolo le le legolo mme ba kopa go thusiwa kgapetsakgapetsa gore e re ba leba kwa morago ba bone go na le pharologanyo.
E ne e rile a amogela baeng, Kgosi Moala Gaerupe a supa fa ba itumelela gore tiro eo e bo e tshwaretswe kwa motseng wa gagwe ka jaana ba utlwalela dimpho kwa metseng e sele.
Mokhanselara wa Salajwe, Rre Lopang Sebutlenyane o ne a leboga ba makgotla a Setswana ka tiro e ntle e ba e dirileng, a supa fa ba sa lebelela gore motse wa bone ga o na tsela, mme ba lebile fela mowa wa bopelotlhomogi le go tsisa seriti mo ngwaneng wa mosetsana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : SALAJWE
Event : Kabo ya mesangwana
Date : 05 Feb 2019




