Leruo le ntshiwa mo motseng kwa Artesia
04 Feb 2019
Banni ba Artesia ba neseditse pula mafoko a modulasetilo wa khansele ya Kgatleng, Rre Mpho Morolong, a gore leruo le ntshiwe mo motseng.
Fa a bua kwa phuthegong ya kgotla kwa Artesia bosheng, Rre Morolong o tlhalositse fa khansele e tsere tshwetso ya gore Bakgatla ba fiwe dikgwedi tse thataro gore ba ntshe leruo mo metseng.
Rre Morolong a re khansele e tlaa gapa leruo le le tlaa bonwang le saila mo motseng, mme mong wa leruo o tlaa tshwanelwa ke go itshupa mo malatsing a le supa a bo a duela P2 000.
A re tlhogo e le nngwe ya seruiwa se se tlaa bonwang se saila mo motseng ke P10 ka letsatsi fa godimo ga P2 000 yo morui a tlaa bong a mo duetse, pele ga khansele e tsaya tshwetso ya go fetisetsa leruo la go nna jaana kwa go ba matimela.
Banni ba Artesia ba ne ba tlhalosa fa se e le se ba saleng ba se emetse, ba supa fa molao o o siame fela thata ka go sasankega ga leruo mo motseng e le selo se se sa ba jeseng di welang.
Mmadiji Maselalewa, yo o thusitsweng ka lenaneo la LIMID, o ne a tlhalosa fa go le botlhokwa gore banni ba ititeye ka thupana go fudusa leruo la bone ka kgang ya go fudisa leruo mo motseng e le selo se se saleng se builwe bogologolo
“Fela jaaka rona ba re thusitsweng ka mananeo re disetsa leruo la rona kwa masimong le meraka, a batho le bone ba ntshe leruo la bone mo motseng, go itsa dikgogakgogano tse di ka bakwang ke leruo gareng ga batho,” Maselalewa a tlhalosa.
A re go ne go ka nna botlhokwa thata fa dikgosi di ne di ka fiwa dithata tsa gon gapa leruo la go nna jaana, a tlatsa ka gore bontsi ja dikotsi tsa tsela di bakwa ke leruo le le fulang mo tlase ga ditsela.
Fa a tswa la gagwe, Mme Gasetshwane Letsogo o ne a supa fa ba dumalana le molao oo, mme a tswa ka mogopolo wa gore ba batlelwe lefelo le ba ka fudisetsang leruo la bone kwa go lone gore ditlamelo di tshwana le bo metsi di nne motlhofo go tsisiwa.
Tiroyame Moagi yo o neng a supa le ene fa a amogela mafoko a o, o ne a tlhalosa gore fa ba fudusetsa leruo la bone kwa masimong le meraka, pabalesego ya bone e le bomme ba barui e tlaa bo e le ko tlase ka jalo ba sepodisi ba dire ka natla go netefatsa fa ba babalesegile
Mo go tse dingwe, banni ba ne ba lela ka tlhaelo ya metsi le motlakase, ba tlhalosa fa seemo sa kgaogo ya motlakase se tshwenya thata.
Fa a tswalela puisano e, Kgosi George Thwane o ne a supa fa ba itumelela tshwetso e khansele e e tsereng ya phuduso ya leruo mo motseng ka dikgetsi tsa dikgogakgogano tsa leruo di tlaa ya tlase.
O ne a lebogela banni ba Artesia go bo ba ne ba itshwere sentle ka malatsi a boitapoloso a keresemose le ngwaga o mosha. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Pelonomi Gare
Location : ARTESIA
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 04 Feb 2019




