Breaking News

Mapodisi a Sojwe a abela lelwapa ntlo

04 Feb 2019

Ramapodisi a Botswana, Rre Keabetswe Makgophe, o lebogetse mapodisi a borwa go supa mowa wa bopelonomi, o a reng ke kononono mo twantshong borukhutlhi.

Rre Makgophe o buile se fa mapodisi a kgaolo eo a abela boora Moleti ntlo ya kamore tse pedi le sephatlo e e lopileng P65 000.

A re go fokotsa letlhoko mo matshelong a batho, go ba fa seriti le go ba fokoletsa dikgwetlho.

“Tiro ya sepodisi ke thomo ya Modimo, e ka kgonwa ke motho yo o nang le mowa wa boithaopo le go direla ba bangwe, e seng batho ba ba lebileng fela go dira madi” a tlatsa ka gore ga gona thuso e kgolo go e feta go neela motho bonno.

Rre Makgophe a re lehuma ke sengwe sa dilo tse di kgoreletsang bana mo dithutong tsa bone, ka jalo go ba fa bonno go na le seabe se segolo  mo go rotloetseng dithuto le go aga bokamoso  jo bo atlegileng.

O lebogetse banni go dirisanya le mapodisi, a re go tlhoka tshwaragano le morafe go ketefatsa tiro ya sepodisi.

“Dipalopalo di supa fa borukhutlhi bo ile tlase mo Sojwe, mme mmaba mogolo ke kgokgontsho ya bomme le bana, selo se re tshwanetseng go se lwantsha re itomile molomo wa tlase,” a gatelela.

“Re itumela le boora Moleti le banni ba Sojwe go re letlelela go dira le bone, re dira se re setse morago ngwao ya Setswana ka jaana Batswana ba tswa goo lowe ka megopolo ya letsema le mafisa go tlamela ba ba tlhokileng lesego,” ga bua Rre Makgophe.

Senior Assistant Commissioner Harrison Digobe  a re mapodisi a Sojwe a fitlhetse Mme Mmamogaba a sena  bonno, mme  ba mo agela ntlo ya mmu ba tshwaragane le ba twantsho borukutlhi ya re morago ba koleka madi go mo agela ya ‘sekgoa’.

“E ne ya re morago ra bona madi a sa lekane ra kopa thuso mo go ba re berekang le bone ko ofising kgolo mme ba tlatsa ka madi a kanang ka P18 000.,” ga bua Rre Digobe, a tlatsa ka gore kago ya ntlo e e simolotse ngogola kgwedi ya Seetebosigo e rogwa.

Mme Mmamogaba Moleti ntlo a re o itumeleltse ntlo e ka jaana e tlaa fa balwapa la gagwe seriti. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gosaitse Ditsele

Location : SOJWE

Event : Kabo ya Ntlo

Date : 04 Feb 2019