Maabong o itshetsa ka poko
04 Feb 2019
E re ka banana ba rotloediwa go itshetsa ka ditalente tsa bone go intsha mo lehumeng ga mmogo le go fokotsa letlhoko la ditiro, bangwe ba santse ba saletse kwa morago fa bangwe bone ba tsweletse ka go itshetsa ka poko mme maiteko a bone a tswa tema.
Mongwe wa banana ba ba dirisang talente ya bone go tsosolosa ngwao ga mmogo le go itshetsa ke Rre Kabelo Maabong wa dingwaga tse di masome mabedi le bosupa wa Artesia.
Rre Maabong yo o itshetsang ka go kwala maboko a Setswana le go boka, a re o tswa kgakala a rata dipina le maboko mme ya re nako e ntse e tsamaya a bona go le botoka gore a simolole go a kwala go fetisa molaetsa ka fa a lebang dilo ka teng.
A re maboko ke mokwalo o o supang maikutlo a mmoki kana mokwadi ka dilo tse di farologaneng jaaka batho, diphologolo ga mmogo le ditiragalo ka go farologana.
A re gape ke nngwe ya ditiro tsa go tshegetsa ngwao ka go ne go tlwaelesegile thata bogologolo gore maboko a fetisa molaetsa kana go tlotlomatsa le go fa motho seriti.
O tlhalosa gore bogologolo go ne go tlwaelesegile gore kgosi e a bokwa go e fa tlotlo le go e lebogela seabe sa yone mo morafeng, gape ka nako ya meletlo e tshwana le manyalo, monyadi o ne a bokwa go supa boitumelo jwa gore o tsene mo legatong le lengwe la botshelo.
A re mo kgwebong ya gagwe mo nakong ya gompieno, o remeletse mo go kwaleng maboko ka batho, e le go ba tlotlomatsa ba santse ba tshela gore ba seka ba lemogwa ka ditiro le mekgwa ya bone fa ba setse ba tlhokafetse.
A re maboko a gagwe o a kwala a dirisa manatetsha puo a Setswana jaaka diane ga mmogo le puo e e bofitlha go supa Setswana se se neng se tlotlilwe bogologolo fa go bokwa.
Rre Maabong a re fa a boka o kwala motho ka fa a ntseng ka teng, ditebego tsa gagwe le se a se ratang gore mmadi le ene a kgone go nna le setshwantsho sa motho fa a bala leboko leo.
A re le fa a tsweletse sentle, o na le kgwetlho ya madi ka go le turu go dira leboko le le feletseng jaaka go le ntlafatsa ka foreime ga mmogo le go dira dikgatiso tsa lone.
A re dikgatiso di a tura ka di fa mokwadi boikarabelo le tshwanelo e e tsepameng ya gore ke ene mong wa mokwalo oo gore ope a seka a mo kopela.
Le fa go ntse jalo, a re maikaelolo a gagwe ke go kwala maboko a mangwe ka sekgoa go boka bajanala ga mmogo le ditso tse di amanngwang le bojanala, e le sesupo sa gore o lebogela seabe se bajanala ba nang le sone mo kgolong ya itsholelo ya Botswana.
A re monongwaga o ne a sa tsenelela dikgaisanyo tsa dikgaolo tsa poko mme o nna a fenya tsa mo kgatleng go fetela kwa legatong lele latelang.
“Ke tsere tlotla ya go nna ke fenya ka boitshoko, bopelotelele le lorato lwa me lwa poko. Gore poko ya gago e gole o tshwanetse wa nna le mowa wa boitshoko,” ga bua Rre Maabong.
O gwetlhile baboki go tshwaragana gore ba tlhabolole poko e go amogana maele a go dirisa poko go itshetsa.
“A re nneng seopo sengwe, re tlhame mekgatlho ya poko, re seka ra bonala fela nako ya dikgaisanyo tsa ga Tautona.”
Rre Maabong o weditse ka go rotloetsa banana go dirisa botswerere jwa bone go itshetsa. A re talente ke yone tiro mo nakong eno. BOIKHUTLO
Source : BOPA
Author : Phenyo Letshwiti
Location : ARTESIA
Event : Potsolotso
Date : 04 Feb 2019




