Breaking News

Tshingwana ya merogo e tlodisa Mabuza melatswana

04 Feb 2019

 E re le ntswa letlhoko la ditiro le apesitse lefatshe leno kobo ka letshoba, bangwe Batswana ba tsweletse ka go loga maano a go itshetsa.

Mongwe wa bone ke Mme Ndumiso Mabuza, yo o tlholegang kwa Matenge mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, yo o neng a inaakanya le temo ya merogo go itlhotlhora lehuma.

E rile a bua mo potsolosong le BOPA bosheng, Mme Mabuza a tlhalosa fa a ne a nna lesego go adingwa lefatshe la go dira tshingwana ya merogo go bapa le noka ya Ntshe gaufi le Monarch ke khansele ya Francistown ka 2013.

A re o ne a bereka ka thata go bona gore tshingwana e agelelwa ka mapako le go batla tsotlhe tse di tlhokafalang jaaka tanka ya metsi, lethompo le enjene e e pompang metsi go tswa mo nokeng.

Mo godimo ga moo, Mme Mabuza o ne a ikopanya le ba lephata la temo–thuo, ba ba neng ba mo isa sekoleng selekanyo sa beke kwa Impala mo Francistown, kwa a neng a ithutela temo ya merogo a bo a tswa ka setlanklana.

A re kgwebo ya mohuta o, e tlhoka bonatla, lorato, boineelo le bopelotelele.

O tlhalositse fa a rekisa morogo morago ga dikgwedi tse tharo a sena go lema, a gatelela fa paka ya mariga e le yone e siametseng temo ya merogo.

Mono ngwaga Mme Mabuza o ikaelela go tsenelela ditshupo tsa temo-thuo e le nngwe ya maano a go ipapatsa.

Mme Mabuza yo o dingwaga di masome mane le bosupa a re mo nakong eno o akola mofufutso wa phatla ka theko e nametsa.

A re tshingwana e e mo tlodisa melatswana e tletse, ka o kgona go ijesa le go rekela bana ba gagwe ba bararo paka ya sekole.

Le fa go ntse jalo, Mme Mabuza o tlhalositse fa a itemogela dikgwetlho di tshwana le magotswana a a utswang merogo bosigo.

A re kgwetlho e nngwe ke go bo lefelo le a lemang mo go lone e se la gagwe, a le adimilwe ke khansele, ka jalo go le thata gore o ka itirela setlankana sa kgwebo.

Gape a re o nna a boifa gore lefelo le a direlang mo go lone le ka tsewa nako nngwe le nngwe mme a sale a iphotlhere.

Le fa a farafarilwe ke dikgwetlho, Mme Mabuza a re ga a na a kgobega marapo ka tsatsi lepe ka e le toro ya gagwe go bona tshingwana ya gagwe e godile e bile a rekisetsa marekisetso a matona.

O rotloeditse bomme go tlogela go ikaega ka puso le borre, mme ba emelele ba dire ka matsogo a bone go ikinola mo lehumeng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Festus Outule

Location : FRANCISTOWN

Event : Potsolotso

Date : 04 Feb 2019