Breaking News

Lephata la taolo matlhako le tsibosa ka tlhagogo ya tlhako le molomo

04 Feb 2019

Barui ba metse e e mo molelwaneng wa Botswana le Afrika Borwa mo kgaolong ya Borolong ba kopilwe go thusa go lwantsha go anama ga bolwetse jwa tlhako le molomo.

Mogolwane wa bakenti kwa ofising ya tsa taolo matlhoko a leruo kwa kgorong ya molelwane ya Ramatlabama, Rre Moremi Manthe o dirile kopo eo fa a buisa phuthego ya kgotla bosheng.

O tlhalositse fa bolwetse jo bo tlhagogile kwa kgaolong ya Limpopo, mme lefatshe la Botswana le semeletse go lwantsha go anamela ga bolwetse  mo lefatsheng leno.

Rre Manthe a re ba setse ba emisitse sepe se se jewang mo diphologolong tse di tlhako e mapara, e bong kgomo, podi, nku le kolobe go ya kwa Afrika Borwa kgotsa go tsena mo Botswana.

O tlhalositse gore mashi, nama, bojang jo bo kgetlwang kwa sekgweng, dikgong ke dingwe tse di sa letlelelweng.

O ne a tlhalosa gore le fa bolwetse bo tlhagogile kgakalanya go motlhofo gore bo anamele mo kgaolong ya bone.

O kopile barui go disa go laola motsamao wa dikgomo gore di seka tsa tsenwa ke bolwetse.

Rre Manthe o supile fa go le botlhokwa go tsenya dikgomo manyena le go di baya ditshipi, ka go tlaa thusa go farologanya dikgomo fa di setse di kgabagantse molelwane.

Fa ba tswa la bone, barui ba ne ba lela ka go kgaoga ga terata ya molelwane, mme se se thatafatsa taolo motsamao ya loruo le go gakatsa bogodu.

Rre Manthe o tlhalositse fa mebuso ya Botswana le Afrika Borwa e na le tumalano ya go baakanya terata ya molelwane, mme ba setse ba dirile ditshekatsheko go bona fa terata e kgaogileng teng.

A re ba setse ba isitse maduo kwa ofising ya ga Tautona le ba lephata la temo-thuo.

A re ba setse ba ikgolagantse le ba lephata la sepodisi mo kgaolong, go baya leitlho ba ba utswang loruo ka ba ka dira gore maiteko a go kganela bolwetse gore bo aname a retele.

Fa a tswa la gagwe, mokenti wa Phitshane Molopo Rre Kennedy Lesole o kopile barui go etela ofisi ya bone gore ba arogane maele le dikitso ka malwetse a loruo le tse dingwe.

O rotloeditse barui go bega dintsho tsa loruo gore ba kgone go dira ditshekatsheko go bona se se ka tswang se bakile go swa ga loruo.

Rre Lesole o ba kopile gore gangwe le gape fa ba batla go rekisa loruo ba ikgolaganya le ofisi ya bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Thusoyaone Sechele

Location : PHITSHANE MOLOPO

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 04 Feb 2019