Mopalamente o akgola dikole tsa LeralaMaunatlala
04 Feb 2019
Mopalamente wa Lerala/Maunatlala, Rre Prince Maele a re o itumedisiwa ke maduo a dikole tsa kgaolo ya gagwe, a bolela fa a tokafetse.
A re sekole se sebotlana sa Moeng le sa Manaledi di tsere 100 per cent sengwe le sengwe sa tsone.
Rre Maele a re mo dikoleng tsa kgaolo ya gagwe tse 19, dikole di le 13 di tsere 80 per cent go ya kwa godimo fa dikole di le thataro di tsere kwa tlase ga 80 per cent mme e seng kwa tlase ga 50 per cent.
A re go bonala fa ba na le seabe, bogolo jang batsadi, barutabana le baithuti ba kgaolo ya gagwe ba reetsa dikgakololo tsa gagwe nako tsotlhe fa a etetse kgaolo.
Rre Maele o buile jaana fa a ne a abela sekole se sebotlana sa Moeng P10 000 bosheng ka lenaneo la gagwe la kgaisano ya dikole.
Rre Maele o ne a akgola mogokgo wa sekole se sebotlana sa Moeng le badiri ka ene, go bo ba dira ka natla, gape o tlhalositse fa a itse seemo se badiri ba sekole seo ba tshelelang mo go sone.
Mo go tse dingwe, Mopalamente Maele o ne a itsese banni ba kgaolo ya gagwe mo diphuthegong tsa kgotla fa ikwadisetso ditlhopho ya tlaleletso e tsweletse kwa diofising tsa ditlhopho lefatshe lotlhe.
A re dipalo tsa batho ba ba ikwadiseditseng ditlhopho e kwa tlase, ka jalo go ne ga dirwa ikwadiso ya tlaleletso.
A re batho ba le 750 830 ba ne ba ikwadiseditse ditlhopho, mme dipalo tseo di ne di le kgakala le tse di neng di solofetswe tsa 1.3 million.
A re ba ba neng ba ikwadisetsa ditlhopho mo kgaolong ya Lerala/ Maunatlala e ne e le 14 368.
O ne a kopa banni go ikwadisetsa ditlhopho tse di tlaa tshwarwang mono ngwaga, a bolela fa go ikwadisa e le gone go tlaa ba letlang go tlhopha yo ba mo ratang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : LERALA
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 04 Feb 2019




