Ntlhaile o akgoletse Tautona go tlatlamelela tshenyetso setshaba
04 Feb 2019
Mopalamente wa Jwaneng/Mabutsane Rre Shawn Ntlhaile a re Batswana ba tshwanetse ba ema Tautona Dr Mokgweetsi Masisi nokeng mo maitekong a gagwe a go lwantsha tshenyetso setshaba.
E rile a buisa phuthego ya kgotla kwa Mabutsane bosheng, Rre Ntlhaile a re tshenyetso setshaba e na le seabe se segolo mo go phutlhamiseng itsholelo ya lefatshe le gone go kgoreletsa ditlhabololo.
A re nako e tsile ya gore Batswana ba eme puso nokeng ba supe seabe sa bone mo go lwantsheng tshenyetso setshaba.
A re ba tshwanetse ba tsenya leitlho ditiro tse di dirwang ka madi a puso go netefatsa gore a dirisiwa sentle e bile mo dilong tse di tshwanetseng.
O boile a tlhalosa gore tshenyetso setshaba ga se ya madi a mantsi fela mme le mo ditirong tse di dirwang mo magaeng e ka bona phatlha.
A re ditsamaiso tsa maphata a puso le tsone di tshwanetse tsa sekasekwa go bona gore a tsotlhe di tsamaya ka tshiamo.
“Sekai ke dikago tsa sekole sa Maiteko gone mo Mabutsane.
Tiro eo e dueletswe mme re bona gompieno rakonteraka a e phuagantse. Dilo tse di tshwanetse tsa tlhotlhomisiwa go bona gore madi a puso a dirisiwa sentle.”
Mo dikgannyeng tse dingwe Rre Ntlhaile o ne a tlhalosetsa banni ba Mabutsane ka ditshutiso tsa melao tse di dirilweng kwa palamenteng e e fetile, bogolo jang molao wa bogodu jwa leruo.
A re e re ka puso e lemogile gore bogodu jwa leruo bo ile magoletsa, go ne ga baakanngwa molao oo gore batho ba ba dirang molato e le la ntlha ba atlholelwe dingwaga di le lesome le bobedi mo kgolegelong fa ba ba ipoeletsang bone ba tlaa atlholelwa di le lesome le botlhano.
A re gape go tserwe tshwetso ya gore didirisiwa tse di amanang le go utswiwa ga leruo di gapiwe e le nngwe tsela ya go gagamatsa setoropo.
E rile ba mo kgwa dikgaba, banni ba Mabutsane ba dumalana le gore nako e tsile ya go lwantsha tshenyetso setshaba e ba reng e sale e humanegisitse Batswana.
Mongwe wa batsena phuthego, Rre Edwin Olefile a re motse wa bone o tlhabologa ka bonya ka jaana tshenyetso setshaba e tsentse letsogo.
O ne a kopa morafe go emela dilo tsa bone ka dinao ba supe seabe le boikarabelo jwa bone mo go lwantsheng tshenyetso setshaba.
“Nka kopa fela gore morafe wa Mabutsane o emele dilo tsa one ka dinao ka gore es eng jalo ditlhabololo di tlaa ema golo go le gongwe fela.
Ditiro tse ke tsa rona a re di saleng morago le tshenyetso setshaba fa re e bona re e supe,” ga kaya jalo Rre Olefile. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kehumile Moekejo
Location : MABUTSANE
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 04 Feb 2019




