Breaking News

Komiti e kopa kemo nokeng

04 Feb 2019

Komiti e e okametseng kago ya leobo la kgotla kwa Mmadinare e kopilwe banni ba motse oo go e ema nokeng gore e kgone maitlamo a go aga leobo.

Modulasetilo wa komiti eo, Rre Modise Motshegwa o tlhaloseditse BOPA mo puisanyong fa thulaganyo ya kago ya leobo la kgotla e simolotse ka 2013.

O boletse fa morafe o ne wa tlhoma komiti e e tlaa etelelang tiro pele, mme komiti e ne ya rongwa go tsamaya e tsaya malebela mo metseng e metona mo lefatsheng leno go bona ka fa go agilweng maobo a dikgotla ka teng.

O boletse fa komiti e, e ne ya tsamaya mo metseng e tshwana le Tonota, Serowe le Lerala.

A re morago ga go wetsa leeto le komiti e ne ya busetsa phetolo ya thomo e ba neng ba e rumilwe kwa morafeng.

Rre Motshegwa o tlhalositse fa morafe o ne wa dumelana ka bongwefela jwa pelo go aga leobo la kgotla la maemo a ntlha le le iseng le agwe gope mo lefatsheng leno.

O boletse fa morafe o dumalane go aga leobo le le nang le diofisi ka go farologana ga mmogo le ntlo lehalahala go tlaa tshwarelwang ditiro mo go yone.

A re go aga leobo le le nang le diofisi ke keletso ya morafe ya go fetola motse wa Mmadinare go nna kgaolo-potlana ya khansele gore banni ba motse ba tle ba kgone go bona ditirelo tsa khansela gaufi go na le go di latela kwa Bobonong.

Rre Motshegwa o tlhalositse fa maikaelelo a morafe e le go neela puso diofisi dingwe tse di tlaa agwang le leobo leo go thusa puso mo go tlhabololeng motse.

O boletse fa moalo wa kago ya leobo o sale o dirilwe ke ba moepo wa BCL mme go solofetswe gore leobo le le agwe ka P3 million.

A re dikgotlana tsa Mmadinare di dumalane go kokoanya P20 000 kgotlana nngwe le nngwe mme mo nakong ya gompieno go setse go kgobokantswe P1 million.

Rre Motshegwa o boletse fa morafe o ne wa kopa khansele ya Bobirwa go thusa mo kagong ya leobo.

O boletse fa kopo e, e ne ya atlega gore leobo le agwe ka madi a ditlhabololo tsa dikgaolo.

A re kago ya leobo le e tshwanetse e kabo e simolotse go agwa ngogola, ka jalo a tlhalosa fa go na le dingwe tse di diileng tiro.

Rre Motshegwa o boletse fa go kokoanya ga madi a leobo go tsweletswe e bile morafe o itlamile go kokoanya P2 million yo o tlaa dirisiwang mo moketeng wa pulo semmuso ya leobo le.

O boletse fa morafe o dumalane gore pulo semmuso ya leobo le e dirwe ke Tautona Dr Mokgweetsi Masisi.

Rre Motshegwa o kopilwe banni ba Mmadinare ka kakaretso go ema komiti nokeng gore e diragatse maitlamo a yone.

O tsweletse ka go kopa morafe go thusa mo kokoanyong ya madi a a agang leobo le ka le tsile go tlotlomatsa leina la motse wa bone ga mmogo le go tsisa ditlhabololo le tokafatso ditirelo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kago Kgosietsile

Location : MMADINARE

Event : Potsolotso

Date : 04 Feb 2019