Kgokgontsho ya bong e gaketse
03 Feb 2019
Mopalamente wa Serowe Borwa, Dr Pelonomi Venson-Moitoi a re kgokgontsho ya bong, bogolo jang e e diragalelang bomme le basetsana e utwlisa botlhoko.
Fa a buisa diphuthego tsa kgotla mo kgaolong ya gagwe bosheng, Dr Venson-Moitoi o boletse gore dikgang tsa thubetso kgotsa go itseela dikobo ka dikgoka mo baneng le bagodi di kwa godimo.
A re le mororo bomme bangwe ba na le seabe mo kgannye ya thubetso, dipalo di supa fa banna ba tsaya folaga.
A re letsatsi le letsatsi go begwa fa borre bangwe ba thubeditse bana ba bannye, fa go gongwe ba thubeditse basadibagolo ba ba senang boitiro kana thata ya go iphemela.
O boletse fa bangwe ba ipoeletsa mo melatong ya mefuta eo fa go twe ba emele tsheko kwa ntle ga kgolegelo.
O kopile morafe le bogogi go thusa puso go lwantsha seemo sa mofuta se se ngomolang pelo.
Banni mo diphuthegong ka go farologana ba kopile puso go gagamatsa molao, ba bolela fa babelaelwa ba sa tshwanela go letlelelwa go emela tsheko kwa ntle, fa bangwe bone ba boletse gore ba ba bonwang molato ba atlholelwe botshelo jotlhe mo kgolegelong.
Ka dikgang tsa bogodu jwa leruo, ba boletse gore ditsheko tsa teng di sekelwe mo makgotleng a Setswana e seng a bommakaseterata.
Mopalamente o ne araba ka go re molao wa re mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go itlhophela gore o seka kae, a bolela fa ba makgotla a ditshaba le balwela ditshwanelo tsa setho ba bolela fa mongwe le mongwe a na le tshwanelo e bile a sekake a bonwa molato kgotsa a tlhatlhalelwa ruri a ise a seke.
Mo dikgannye tse dingwe, Dr Venson-Moitoi a re o belaela gore ka lekgotla le le ikemetseng ka nosi la ditlhopho le ne la fokotsa mafelo a matlhophelo, batho ba itsapa go ikwadisa, mme a solofetsa gore kgang ya teng ba tlaa leka go e bua le lekgotla gore a ba ka seke ba oketse mafelo ao. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : SEROWE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 03 Feb 2019




