Breaking News

Bommamathwane ba apesitse sekole sa Boyei kobo ka letshoba

03 Feb 2019

Kgosi Cosmos Lelathego wa kgotla ya Moeti kwa Maun o supile matshwenyego ka seemo sa sekole se sebotlana sa Boyei ka jaana se fetogile bonno jwa bo mmamanthwane.

Mo potsolotsong le BOPA o boletse fa seemo sa sekole seo se sa jese diwelang ka jaana se baya matshelo a baithuti le barutabana mo diphatseng.

Fa bogogi bo akaretsa ofisi ya mopalamente le ba komiti ya batsadi le barutabana ba sena go etela sekole seo, go ne ga lemogwa fa se tshwanelwa ke go tswalwa ka jaana bommamathwane ba sentse maruelelo a matlo a borutelo e bile leswe le monko di apesitse matlwana ao, selo se a reng se baya botsogo jwa bana le bodiredi mo diphatseng.

Kgosi Lelathego o ne a supa fa e se matlwana a borutelo fela a a amegileng, a re a boitiketso ga mmogo le a boapeelo le one a amilwe ke seemo seo.

A re bogogi jwa sekole, ka thuso ya komiti ya batsadi le barutabana, ba dirile maiteko go batla melemo go lwantsha seemo seo mme ga se tokafale.

 A re ba ne ba bitsa le badiri ba Ipelegeng go ba thusa go phepafatsa mme seemo se ntse se bifela pele.

Kgosi Lelathego a re ba begetswe fa ba khansele ba itse ka seemo seo ka jaana ba ne ba etela sekole ngogola, mme ba solofetsa fa ba tlaa tsaya kgato.Nako kgolo ke eno.

Mokwaledi wa ofisi ya mopalamente ya Maun Bophirima, Rre Ogaufi Monamisi o supile fa seemo seo se sa kgatlhise.

A re marulelo mangwe a dikago tsa sekole a ka nna a gosomana nako nngwe le  nngwe mme a supa fa go tlhoka ba ba maleba go potlakela go tokafatsa seemo.

O ne a farologana le kgosi ka go tswalwa ga sekole a re go ka dirwa dikago tsa nakwana gore dithuto di tswelele.

Rre Monamisi a re ba eletsa go bona baithuti ba rutelwa fa go babalesegileng teng mme a kopa ba ba maleba go potlakela seemo seo se ise se bake ditlamorago tse di maswe.

O supile fa bogogi jwa kgaolo eo bo akaretsa lephata la thuto, khansele, ofisi ya ga mopalamente, kgosi le komiti ya dithabololo tsa motse di tlhoka tshwaragano go rarabolola seemo seo.

Modulasetilo wa khansele-potlana ya Maun, Rre Moedi Modiegi o boletse fa ba itse ka seemo sa sekole seo e bile ba dira gotlhe mo ba ka go kgonang go netefatsa gore se a rarabololwa.

A re ba setse ba thapile khamphani nngwe go shafatsa sekole seo.

A re rakonteraka o tlaa simolola tiro mo nakong e e sa fediseng pelo ka jaana tsotlhe tse di maleba didirilwe.

 A re ba dumela fa rakonteraka a tlaa berekela mo nakong go busetsa seemo mo taolong. BOKHUTO

 

Source : BOPA

Author : Keswetseng Samokunda

Location : MAUN

Event : Potsolotso

Date : 03 Feb 2019