Breaking News

Metsi a betile bana kwa Shwakwe

03 Feb 2019

Mapodisi a Mahalapye a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone bana ba basimane ba le bararo ba tlhokafetseng ba sena go betwa ke metsi kwa letamong la morafe kwa Shakwe.

Mookamela mapodisi a District NO 16, Senior Superintendent Modisaotsile Bonang a re ba le babedi ba dingwaga di supa fa yo mongwe a le dingwaga tse some mme ke baithuti ba lekwalo la ntlha kwa sekoleng se sebotlana sa Shakwe.

Rre Bonang o tlhaloseditse BOPA fa bana bao ba bonwe la bofelo ke batsadi mo mosong wa Labobedi ba ya sekoleng mme ba seka ba boela malwapeng.

A re letsholo la go batla bana le ne la simolola mo tshokologong ya Labobedi, mme ka thuso ya sepodisi ba felela ba ntshiwa mo letamong tshokologong ya letsatsi le le latelang.

Rre Bonang a re ba ne ba rurifadiwa fa ba tlhokafetse ke ba botsogo kwa kokelwaneng ya Sefhare.

O tlhalositse fa bana bao ba tswa mo malwapeng a a farologaneng.

A re ofisi ya sepodisi kwa Mahalapye e amogetse pego go tswa kwa mapodising a Machaneng mo mosong wa Laboraro gore bana ba le bararo ba Shakwe ba tsene ka ga re itse.

O supile fa letsholo la go ba batla le ne la felela le tsamaetse ntlheng ya letamo la morafe la Shakwe kwa go neng ga fitlhelwa diaparo le dibuka tse di kailweng e le tsa bana ba ba sa bonweng.

Rre Bonang a re se, se ne sa tsisa dipelaelo tsa gore bana bao ba ka tswa ba nwetse mo metsing.

A re ka thuso ya mapodisi a a rutetsweng go thuma go tswa kwa Gaborone, mebele ya bana e ne ya felela e inolwa mo bodibeng jwa metsi mo tshokologong ya Laboraro.

Ba le babedi ba tswa kwa kgotleng ya Mogothe fa yo mongwe a tswa Moduledi.

Rre Bonang o supa fa ditlhotlhomiso tsa mapodisi di tsweletse go bona se se bakileng dintsho tsa bana. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : MAHALAPYE

Location : MAHALAPYE

Event : Potsolotso

Date : 03 Feb 2019