Breaking News

Banana ba rotloediwa go tsena diphuthego

03 Feb 2019

Mopalamente wa Molepolole Borwa Dr Tlamelo Mmatli a re o tshwenngwa ke go nna maoto a tshupa ga banana.

A re ga ba supe kgatlhego go tsena diphuthego tsa kgotla.

O buile jaana kwa phuthegong ya kgotla mo kgaolong ya gagwe ya botlhophi ya Sebele, a kopa batsadi go kgothatsa bana go gwetlhega ka jaana kgotla e le gone kwa dithabololo tsa motse di rerwang teng.

A re banana ka bontsi ba gaketse ka go bua ka matshwenyego a a amang tlhabololo ya motse gammogo le matshelo a bone mo maranyaneng a Facebook, go na le go a bua phatalatsa mo kgotleng kwa go nang le batsaya karolo ka go farologana gore go bonwe tharabololo.

“Seabe sa banana le megopolo ya bone di botlhokwa mo go tlhabololeng isago ya lefatshe le.

Ka jalo go botlhokwa gore ba tsene diphuthego tsa kgotla ka e le tsone mmangmang mo go bueng ka dikgang tse.

Ke itemogetse gore banana ba bua thata kwa Facebook, ba tlhobosa ditiro tsa mapalamente ntle le bosupi ka jaana ba le boutsana mo diphuthegong tsa kgotla.”

Rre Mmatli a re o tshwenngwa ke madi a ditlhabololo a a fiwang kgaolo ya botlhophi.

A re o eletsa gore fa a ajwa go lejwe palo ya batho mo motseng ka jaana metse a mennye e tsaya madi go lekana le e megolwane. 

A re Molepolole ke motse o motona go gaisa metse yotlhe mo Botswana, selo se a reng go thata go kgaoganya madi a dithabololo ka jaana a sa lekane fa go tshwantshanngwa le metse e mengwe.

A re o tlaa tswelela a kopa kwa palamenteng gore go okediwe phiro ya Ipelegeng go lebilwe gore batho ba bantsi kae.

O ne a kgothatsa morafe go nna le tsholofelo ya tokafatso tlhaelo ya melemo ka jaana go fetisitswe molao-kakanyetso gore dikhamphani tse di sekasekilweng tse di nang le bokgoni di tlaa dira melemo mo Botswana go lwantsha tlhaelo ya melemo.

Mongwe wa banni Mme Potso Sugape o ne a kopa gore ba sepodisi sa Molepolole se abelwe ditante, a supa fa go le mosuke e bile go sena sephiri mo diofising, selo se a reng se ka baka gore batho ba tshabe go bega dikgang tse di masisi ba phuthologile.

Mme Sugape o kopile gore dikatso tsa badiri ba komiti ya ditlhabololo tsa motse di sekasekwe ka jaana e le bone ba belegeng motse.

Fa a araba matshwenyego, Mopalamente Mmatli a re ke boammaaruri ga go na sephiri kwa diofising tsa sepodisi mo e bileng batho ba boela malwapeng ka dikgang tse di masisi.

A re ke kgang e a tlaa e salang morago.

A re dikgang tse dingwe o tlaa di tsaya mhago go di isa kwa palamenteng. DIKGANG

 

Source : BOPA

Author : Mpho Maswikila

Location : MOLEPOLOLE

Event : Phuthego Kgotla

Date : 03 Feb 2019