Ba kopa go sielwa metsi
03 Feb 2019
Banni ba Shadishadi mo kgaolong ya Letlhakeng/Lephepe ba kopile go sielwa metsi.
Kopo eo e dirilwe ke Kgosi Keotshepile Gabanakgosi mo phuthegong ya mopalamente wa kgaolo, Rre Liakat Kablay beke e e fetileng.
Kgosi Gabanakgosi o tlhalositse fa mo nakong ya gompieno ba sielwa metsi ka dikoloi go tswa kwa Loologane, ke koporase ya metsi mme metsi a teng a sa lekane morafe.
Mogolwane wa WUC Rre Kabelo Matebesi o ne a kopa maitshwarelo go bo ba tsere lebaka go thusa motse oo ka metsi, mme a tlhalosa fa tiego e e bakilwe ke go bo sediba se ba neng ba akantse go se dirisa se ne sa supa fa se kgotlelesegile.
Rre Matebesi a re ba setse ba sekasekile sediba sa khansele se se ntseng se nosa matimela, mme go supagetse fa metsi a sone a lekane e bile a le phepa go ka nowa ke morafe, e bile ba setse ba dumalane le khansele gore ba se dirise go siela morafe.
O tlhalositse fa ba simolotse go goga metsi kwa sedibeng seo, mme tiro eo e tlaa wela mo dikgweding tse nne, mme a kopa morafe gore ba seka ba nosa leruo metsi a sediba seo ka a ka tlhaela motse.
Rre Kablay o ne a akgolela ba WUC tshwetso eo.
A re ba supile maikaelelo le maikemisetso a go nosa setshaba.
Kwa motsaneng o o mabapi wa Shonono gone banni ba ne ba kopa go thapelwa balebeledi ba twantsho borukutlhi go thusa go lwantshana le borukutlhi jo bo ileng magoletsa mo motseng.
Se se boletswe ke modulasetilo wa ditlhabololo tsa motsana oo, Mme Keitumetse Mosimanewapoo ka jaana a re batho ba dira dilo tse di duleng mo tseleng ka jaana motsana oo o sena sepodisi.
Mothusa ramapodisi wa Sojwe, Rre Jones Katlholo o ne a gakolola komiti eo go kopana le kgosi mme ba dire kopo eo ka kwalela kwa sepodising sa Sojwe.
Mo go tse dingwe, Rre Katholo o ne a kopa morafe go sala morago dinako tsa thekiso ya nnotagi mo malwapeng le go itsa go rekisa majalwa a a sa letlelelweng ka a sa siamela botsogo le botshelo jwa batho.
Mothusa mokwaledi wa khansele ya Molepolole/Lentsweletau, Rre Douglas Sesimanyana le ene o ne a tlhalosa fa a utlwile dilelo tsa batho ba Shonono, mme o tlaa leka ka bojotlhe gore ba kgone go bona thuso. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Amolemo Moeng
Location : LETLHAKENG
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 03 Feb 2019




